Breaking News

Mmoki wa popota Rabojalwa o tlhokafetse

18 Jul 2021

Mmoki wa popota yo o tumileng ka leina la Rabojalwa a tlholega mo motseng wa Molepolole, Rre Galenamong Keetile  o tlhokafetse.

Rre Keetile  yo o tumileng ka go boka batlotlegi ba akaretsa botautona ba pele, mapolotiki le dikgosi a dirisa Setswana se se nonneng ebile  gape e le mongwe wa baboki ba ba isisitseng serodumo sa poko ya Sekwena ko godimo, o tlhokafetse kgwedi eno e tlhola malatsi a le lesome le botlhano morago ga go lwala ka lobakanyana.

Malomaagwe Rre Geoffrey Sanane are Rre Keetile o ne a ntse a sa tsoga mme yare ka kgwedi ya Moranang, bolwetsi jwa mo gatelela mo erileng ka Labone kgwedi eno e tlhola malatsi a le lesome le botlhano a bo a hulara. 

Rrre Keetile o tsalwa mo kgotleng ya Mokgalo mo Molepolole.  O tlhokafala a le dingwaga tse di masome a le boferabongwe le borataro (96).  O tlhokafala jaana e ne le leloko la baboki ba setlhopha se se bidiwang Basimane ba Mokwena se se eteletsweng pele ke mmoki o mogolo rre Moroka Moreri.

Ngwana wa gagwe Rre Gaotlhophe Galenamong are  rre rraagwe o ne a filwe neo ya poko ebile a rata go ipoka le bana ba gagwe.  Are ka e ne e le motho yo o senatla, e ne e le motho yo e reng fa a bona a dira selo mme a bona a se kgonne ka thata, o a ipoka.

Are o gakologelwa nako nngwe o ne a phamola kgomo ka kgole, e rile a e tshwere ka kgole erile ha e kgotha thata, a wa. Erile fa a a wa a e retolola molala kgole ya itshopelela ka yone mme ya mokgaola monwana. Are mme e rile fa a kubuga foo are,  “banna! Namane e thamaga morwa mma Dirang banna chachapa e tshika dimollo e e reng e tshwara tshipi e ikolope.”

Are e rile fa ba ya go leba ba bona gore o bolelela ruri ke chachaopa e tshika di mollo o goga kgomo  ka mogala  ebe a e thene molala  mme kgomo yone e sa mo goga.

Are le ntswa poko a ne a e abetswe, ebile a ba rotloetsa gore le bone e nne baboki, bana ba gagwe ba ne ba se na kgatlhego e e kalo mo pokong.

Le fa go ntse jalo,o rutile ngwana wa ga mogolowe ebong rre Billy Mokgosi le ngwana wa ngwana wa gagwe ba e leng bone ba ja boswa jwa gagwe mo khularong ya ga’we.

Are o ne a ipitsa ‘Tsaya tanki mpho ya Modimo’,se e le sekao sa gore neo ya gagwe e tswa kwa Modimong. 

Mme le fa ntswa Rre Keetile a ise a fiwe seetsele sepe go lemoga bodiragatsi jwa gagwe, ngwana wa gagwe are poko ya gagwe e ne e mmusetsa  ka fa gongwe fa a bokile bangwe ba bo ba mo fa sengwe.

Are Kgosi Sediegeng Kgamane, Tautona wa pele Sir Ketumile Masire le mothusa tautona wa pele Rre Peter Mmusi ke bangwe ba ba mo lebogileng ka kgomo.

Le fa ntswa maboko a ga Rre Keetile a sa gatisiwa ka bontsi mangwe a maboko a gagwe a gatisitswe mo seromamoweng sa Botswana mo thulaganyong ya dipina le maboko.  BOPA

 

 

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : MOLEPOLOLE

Event : potsolotso

Date : 18 Jul 2021