Breaking News

Tona o akgola babereki kwa molelwaneng wa Tlokweng

17 Jul 2021

Tona wa Madi le Tlhabololo Itsholelo, Mme Peggy Serame, o galaleditse babereki ba ba itlhomileng kwa pele go godisa itsholelo ya Botswana mo dinakong tse di thata tsa go lwantsha segajaja sa COVID-19.

Tona o buile se ka Labotlhano fa a ile go tlhola badiri ba lephata la Botswana Unified Revenue Service kwa molelwaneng wa Tlokweng. 

O kaile fa seabe sa badiri mo go lwantsheng mogare wa corona se bonala. Tona Serame a re ke maikaelelo a puso gore babereki ba baitlhomileng kwa pele ka go tswelela ba bereka mo nakong tse di thata tsa segajaja ba kentiwe pele.

E rile a araba dilelo tsa bone jaaka go tlhoka go kentiwa le ntswa ba berekela mo diphatseng, o kaile fa mekento e santse e tsena mo seatleng  mme a tlhalosa gore mo bokhutshwaneng e tlaa goroga mme botlhe ba kentiwe . 

O kopile babereki go tswelela ba bereka ka natla ka go supa gore batsere maikano a supang gore le fa go le thata ba tlaa tswelela gore itsholelo ya lefatshe e gole.

O kaile fa tiego ya gore mekento e goroge ka nako e katswa e bakiwe ke gore lefatshe ka bophara le a e tlhoka. O supile gore le fa seemo e le se se sa itumediseng,  seemo mo Botswana lga se maswe maswe.

Tona Serame a re ke maikano a puso go bona gore le fa itsholelo e le kwa tlase, mongwe le mongwe o tshwanetse go bona mokento go fokotsa manokonoko a mogare wa corona.

O kaile fa go le botlhokwa gore go godisiwe maranyane, ka jalo go tshwanetse go lebelelwa gore go ka dirwa jang go fokotsa go aga di ofisi.

Tona Serame a re puso e leka ka bojotlhe go atolosa maranyane gore lephata la BURS le kgone go thusa ba ba duelang lekgetho.

O kopile badiri gore ba tswelele ka go ikgagolola seabe sa bone mo itsholelong.

O kaile fa a itse seemo sa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone kaba dirisana le molelwane wa Afrika Borwa tsatsi le letsatsi.

Mopalamente wa Tlokweng, Rre Thulagano Segokgo, o akgoletse Tona Serame go bo a bone sebaka sa go etela molelwane le go bona gore babereki ba tsogile jang.

O kaile fa molelwane wa Tlokweng o amogela dithoto tse dintsi gape o dirisiwa thata. Ka jalo, go ka nna sentle fa ditsela tse di santseng di saletse kwa morago di ka baakanngwa gore thekiso ya mafatshefatshe e tsamaye sentle.

O kaile fa a dumalana le tona gore maranyane a tshwanetse go tseelwa kwa godimo gore tiro ya letsatsi le letsatsi e fefoge.

Mopalamente Segokgo, yo gape eleng tona wa Dipalamo le Ditlhaeletsanyo, o supile fa lephata le a le okametseng le na le maranyane  a a ka dirang gore tiro e dirwe ka bonako le gone gore ba ba duelang lekgetho le bareki ba bangwe ba kgone go thuswa ka nako. ends

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : Gaborone

Event : Loeto

Date : 17 Jul 2021