Monna o shetse mo ntlung
16 Jul 2021
Mapodisi a Bokspits kwa kgaolong ya Kgalagadi a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna a shetseng mo tlung kwa morakeng mongwe gaufi le Struizendam.
Mookamela mapodisi a Bokspits, Superintendent Berman July, a re ba begetswe tiragalo eo kgwedi e no e tlhola malatsi a le matlhano. A re ba ne ba isa rre yoo kwa kokelong ya Tsabong kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a tlhokafetse.
Superintendent July a re serepa se santse se le kwa setsidifatsing, mme se tla romelwa kwa go bomaitseanape go netefatsa gore a ke ene yo ba masika ba belaelang e le ene.
A re go belaesega fa rre yoo, yo o tlholegang kwa Boskpits, a ne a le nosi kwa morakeng ka nako ya tiragalo, mme a bonwe la bofelo kgwedi eno e tlhola malatsi a mane kwa marekisetsong mangwe.
Superintendent July o ne a kopa banni ba kgaolo ya gagwe le setshaba ka kakaretso go tima dipone fa ba robala le gore ba seka ba nna ba le nosi go itsa ditiragalo tsa mofuta oo. ends
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : BOKSPITS
Event : potsolotso
Date : 16 Jul 2021