Banana ba rotloediwa go tsaya maikarabelo
15 Jul 2021
Banana ba kgotla ya Mahalapye Bophirima ba kgothaditswe go nna le boikarabelo ka madi a lenaneo la Youth Development Fund (YDF).
Kgosi Bakgori Keitibetse wa kgotla eo o buile jaana kwa ithutuntshong ya YDF, e e neng e tshwerwe kwa kgotleng ya Mahalapye Bophirima ka Laboraro, go ruta banana ba ba nang le kgatlhego ka lenaneo.
O kgothaditse banana go tsenya marapo dinameng go fitlhelela ditoro tsa bone ka go akola dithuso tsa puso go itirela bokamoso di diragala.
Kgosi Keitibetse a re ga go bonolo go simolola le go tsamaisa kgwebo mme fa motho a le pelotelele e bile a na le maikemisetso o ka atlega.
O gakolotse banana go nna le boitsholo mo kgwebong gore ba nne le dipoelo ba bo ba tlhamele banana ba bangwe ditiro, go thusa puso go lwantsha letlhoko la ditiro.
Kgosi Keitibetse o kgadile banana ba ba kopang madi mme ba a dirisa ka fa go sa tshwanelang ka teng, a re go dira jalo ke go thukutha puso.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la tlhabololo banana, metshameko le ngwao kwa Mahalapye, Mme Oarabile Kagiso o gakolotse banana go akanya le go tlhama dikgwebo tse di pharologanyo mo go tse di setseng di le teng.
A re banana ba dire dikgwebo tse di ka nnang le dipoelo tse di nametsang e bile ba na le lorato, kitso le maikemisetso a go di tsamaisa.
A re banana ba godise kitso ya bone ka dikgwebo tse ba batlang go di dira.
Mokhanselara wa Ngakayagae, Rre Khumo Motonto a re go botlhokwa gore ba inamole mo lehumeng.
O gakolotse setshaba go ipabalela mo bolwetseng jwa COVID-19, a re bangwe ba tlhokafetse kwa kgaolong ntateng ya bolwetse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cecilia Tshimologo
Location : Mahalapye
Event : Ithutuntsho ya YDF
Date : 15 Jul 2021