Breaking News

Tona o amogetse dikakgelo

15 Jul 2021

Tona wa Merero ya Setshaba, Boagedi le tsa Bong, Mme Annah Mokgethi o amogetse dikakgelo le megopolo ya mapalamente mo molao-kakanyetsong wa go fetola difane.

Molao-kakanyetso oo, o ikaelela go fetola leina la molao o o mo tirisong wa go fetola  maina go nna wa go fetola difane.

Mo go tse dingwe, molao- kakanyetso oo, fa palamente e ka o fetisa, o tlaa dira gore go tlhongwe ka fa molaong mokwaledi wa difane. 

Molao kakanyetso o gape o tlaa tlhomamisa gore motho a ka fetola sefane gabedi ka tetlelelo ya mokwaledi wa difane.

Tona Mokgethi o boletse gore fa motho a eletsa go fetola sefane go ka nna makgetho a le mararo, go tlaa letlelelwa gore o ka dira jalo ka tetlelelo ya ga tona mo lephateng la Merero ya Setshaba, Boagedi le tsa Bong.

Molao o gape o tlaa letlelela gore fa motho a nyetswe o ka tlhomaganya sefane sa gagwe sa matsalo le sa lenyalo.

Mme Mokgethi o ne a lebogela mapalamente megopolo le dikakgelo tsa bone mo molaong- kakanyetso o a neng a o ba baya pele.

A re molao o, segolo bogolo o netefatsa boleng jwa molao wa setho, o o fang motho tshwanelo ya leina kgotsa sefane.

A re phetogo epe e e tlhokang go dirwa mo leineng la motho kgotsa sefane e botlhokwa.

A re go dira jalo go fa motho seriti.

O boletse fa dikeletso tsa batho di tshwanetse go tlotlwa ka jaana go le botlhokwa gore batho ba itse kwa ba tlholegang teng.

A re tshutiso ya molao wa phetolo ya difane ke ya batho botlhe, a bolela gore ga go na seelo sa gore motho o ka fetola sefane ga kae, jaaka mapalamente bangwe ba akanya.

A re gore go bo go fiwa tona dithata fa go fetolwa sefane go feta gabedi, ke fela go supa boikarabelo jo bo kwa godimo jo bo tlhokafalang.

A re molao o, o tla jaana e le go leka go tsibogela dikeletso tsa Batswana, morago ga go lemoga fa ofisi ya gagwe e amogela dikopo tse dintsi tsa phetolo ya difane lefatshe ka bophara.

“Ga go na beke e e fetang go sena dikopo tsa go fetola difane,” ga bolela Mme Mokgethi.

Mme Mokgethi a re mo molaong wa gompieno, dikopo tsotlhe di lebagane le Tona, ka jalo go tokafatsa molao gore go nne le mokwaledi, ke go leka go tlhofofatsa ditirelo.

A re molao-kakanyetso o gape o tlhalosa mabaka a a sa tlhokeng gore motho a tsenye kopo ya go fetola sefane.

Mabaka a, a akaretsa go letlelela mosadi yo o nyalwang go fetola sefane go ya kwa go sa monna ka go supa sefane se a fetolelang kwa go sone go tswa kwa go sa matsalo.

A re gape gore mo dikganyeng tsa ‘go e tsaya ka namane’ jaaka go tlwaelesegile, rragwe ngwana wa madi o tshwanetse go itsesiwe ka botlalo.

Mme Mokgethi o tsweletse a bolela fa a itumelela dingwe dikakgelo tse di akaretsang gore ditirelo tsa lephata la gagwe di tsenngwe mo maranyaneng. 

A re se se tlaa tsamaisana le maikaelelo a puso a Transformation Agenda.

O boletse gape gore lephata la gagwe le tlaa tswelela le ruta batho ka ditirelo tsa lone.

Mo dikakgelong tsa bone, mapalamente bangwe ba ne ba supa  fa ba amogela dikeletso tsa ga Tona go fetola dintlha dingwe tsa molao, segolo bogolo ka seo se tlaa tlhofofatsa phetolo ya difane e e tsentseng tlhatlharuane kwa dikgaolong lefatshe ka bophara, ka jaana magosi ba mekamekane le dikgetsi tse dintsi tse di amanang le dikgang tsa go nna jalo.

Ba ne ba supa gape gore fa diphetogo tse tona a di ba beileng pele di ka fetisiwa ke palamente, go tlaa thusa ba ba tlhokang kgotsa ba ba eletsang go fetola difane, go dira jalo go sena dikgwetlho dipe ka jaana go tlaa bo go na le molao o o mo tirisong, go na le mo nakong ya gompieno, e setshaba se tlhokang go tsisa basupi mo phetolong ya difane.

Le fa go ntse jalo, mapalamente ba boletse fa molao o tshwanetse go netefatsa gore bana ba ba tshotsweng kwa ntle ga lenyalo, batsadi ba bone ba tlholego ba a itsesiwe.

Ba re go bo go na le maina a borabana ba madi mo ditlankaneng tsa matsalo, ke sesupo sa botlhokwa jwa batsadi boo-babedi.

Mapalamente mangwe ba ne ba ngongoregela gore go bo go twe motho fa a fetola sefane la boraro a letlelelwe ke tona, ba supa fa go fetola sefane e le kgang e e tlhokang go dibela maikutlo a batho, ka jaana ba bangwe ba a bo ba tswa mo matsading a manyalo, ba sa tlhole ba eletsa go tswelela ba dirisa difane tseo.

Bangwe mapalamente ba boletse fa makgetho a motho a letlelelwang  go fetola sefane a tlontlolola ka jaana ba bangwe ba ka eletsa go fetola difane go feta boraro.

Le fa go ntse jalo, ba iteetse legofi tokafatso e e tlang ka molao-kakanyetso oo, ka jaana o letlelela gore bomme ba tlhomaganye difane tsa bone tsa matsalo le tsa lenyalo, ba re batho bangwe ga ba rate go latlha difane tsa bone.

Mapalamente mangwe a ne a ntshitse matshenyego ba supa fa molao-kakanyetso wa go fetola sefane o ka bo o ne wa seegelwa kwa thoko pele gore Palamente e sekaseke melao-kakanyetso e mengwe e e amanang le go leka go tlhabolola matshelo a Batswana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : Gaborone

Event : Palamente

Date : 15 Jul 2021