Tloloko e santse e le botlhokwa mo matshelong a batho
15 Jul 2021
Tiriso ya tloloko e santse e le botlhokwa mo bogompienong fela jaaka mo malobeng, gongwe ebile botlhokwa jwa yone bo oketsigile ka ga e sa tlhole e bonelwa fela mo melaleng ya leruo.
Yaare mafelo a kgwedi modumo wa yone a bo e le o o thibang ditsebe kwa marekisetsong, barekisi ba e letsa go tlhagisa bareki ka dithoto tse di fokoditsweng ditlhotlhwa.
Go ata ga tiriso ya yone mo bogompienong e ka tswa e le gone go tiisitseng badiri ba yone go sa e kgathologa ba re ke selo sa maloba.
Mme Gaboutlwelwe Ramhakana, morekisi kwa mmolong wa Serowe, ke mongwe wa ba ba santseng ba tshwareletse mo go gwebeng ka tloloko a supa fa di rekwa thata ke balemi barui gammogo le ba dikereke. Kgwebo ya gagwe a re ga e a ikaega ka ditloloko fela, o di patile ke tse dingwe tse a di dirang.
Yo mongwe wa bagwebi, Mme Marika Willinson le ene ga a ise a tlhoboge kgwebo ya ditloloko, a re o itshetsa ka tsone.Morui wa masimo a Tlapalakgomo kwa kgaolong ya Legare, Rre Setlhora Radimpana (60), a re go rwesa dikgomo tsa ga bone tloloko go thusitse mo go hemeng dikgotlhang gare ga gagwe le balemi ba thota ya gaabo.
A re go na le mongwe molemi yo yaareng fa dikgomo di ka tsena ka tshimo ya gagwe, a di gape.
Rre Radimpana a re o na le kgomo nngwe e e ratang mabele bobe mme ya re go lemoga mokgwa wa yone, a e rwesa tloloko go mo tsibosa metsamao ya yone.
A re go kile ga diragala gore e re nako nngwe a disitse yare go itapolosa ka fa tlase ga moruti wa setlhare a tshwarwa ke kgofe mme fa a thanya a fitlhela dikgomo di ile le nagaSe se neng sa mo tswa thuso a re ya nna modumo wa tloloko mme a o latedisa, ka lesego a di thiba di ise di tsene ka tshimo.
O mongwe mosola wa tloloko mo balemi baruing, ke go e dirisa go tshosa ditlou tse di tshwenyang mo masimong le go koba dinonyane.Bangwe ba dikereke ba re ba e letsa kwa kerekeng fa ba bina. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Potsolotso
Date : 15 Jul 2021