Breaking News

Ba Tshokwe Tannery ba lela ka lethoko la di dirisiwa

15 Jul 2021

Kgwebo ya go suga matlalo kwa motseng wa Tshokwe mo kgaolong ya Mmadinare  e e nang le dingwaga di le thataro e ntse e bereka   ga e  supe tswelelopele.

Mo potsolosong le BOPA, modulasetilo wa setlhopha Mme Lentetsemang Kereetse o tlhalositse fa bodiredi ja kgwebo eo bo goga bokete ka ba sena didirisiwa  di tshwana le mochine o o rokang, o sugang matlalo le koloi.

Tshokwe Tannery e simologile ka ngwaga wa 2015, ka fa tlase ga lenaneo la nyeletso lehuma, mme ba ne ba thusiwa ka madi a a kanang ka P250 000 yoo neng a felela mo dikagong. Setlhopha se, se simolotse ka maloko a le lesome le bobedi mme  ka lebaka la dikgwetho tse di farologaneng, ba setse ba le bararo fela.

Mme Kereetse a re ba tsaya matlalo kwa Bobonong mme ba thusiwa ke khansele ka koloi go a rwala, a supa fa nako dingwe ba kgona go tsaya nako go goroga ka koloi e a bo e tserwe ke ditiro tse dingwe tsa khansele.

O tlhalositse fa ka tshwanelo ba tshwanetse go ntsha matlalo a le lekgolo le botlhano mo kgweding mme ga ba kgone go fitlhelela seelo ka lebaka la letlhoko la didirisiwa.

Mme Kereetse a re letlhoko la didirisiwa le dirile gore ba latlhegelwe ke bareki ba ba neng ba dirisana le bone ka ba ne ba sa kgone go fitlhelela seelo se ba neng ba se batla. A re ba suga matlalo ka diatla ntswa metswako e ba e dirisang ele bogale mme e ka tsenya matshelo a bone mo diphatseng.

Mme Kereetse a re le fa theko e le boutsana,  tlhagogo ya mogare wa COVID-19 e ne ya ama kgwebo ya bone fela thata.

O tsweletse a tlhalosa fa se sengwe se se isang kgwebo ya bone kwa tlase e le  ka fa kago e agilweng ka teng ka go sena  phefo le letsatsi le le tsenang  go omisa  matlalo mme a felele a senyega.

A re ka nako ya dipula ba tshwaragana le bothata ka kago e sa rulelwa sentle mo metsi a kgonang go senya didirisiwa tsa bone.

Mme Kereetse a re, ka tshwanelo letlalo le tshwanetse go tsaya malatsi a robabongwe  gore le bo le siametse go ka dirisiwa mme ka ntateng ya dikgwetlho ba kgona go tsaya malatsi a le lesome le botlhano mme se se dira gore ba latlhegelwe ke bareki.

Fa a tswa la gagwe Raboipelego wa motse Rre Mogomotsi Goitsemang, are maikaelelo a madirelo  e ne e le go fokotsa manokonoko a lehuma  kwa motseng wa Tshokwe mme le mo nakong ya gompieno e ise e dire pharologano epe mo matshelong a maloko  le morafe ka karetso. 

Rre Goitsemang o supile fa pele ga mogare wa COVID-19 o tlhagoga, letseno le ne le le botoka ka ba ne ba kgona go tsena ditshupo tse nne ba kgona go gapa maemo a ntlha mme ba kgone go oba letsogo.

A re boeteledipele ba kgwebo e bo dira ka bojotlhe gore kgwebo e kgone go gola, a tlhalosa fa ba santse ba le mo dipuisanog le ba ba maleba gore ba kgone go tsenelela ditshupo tse di solofetsweng go tshwarwa  kgwedi ya Phukwi e le malatsi a le lesome le bofera bobedi go fitlha e le masome mabedi le botlhano kwa Serowe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : TSHOKWE

Event : Potsolotso

Date : 15 Jul 2021