Mabeleapudi o biditswe ka dithaba
15 Jul 2021
Motse wa Mabeleapudi o mo kgaolong ya legare, kwa bokone botlhaba ja motse mogolo wa Bangwato wa Serowe, ke motse o o kgatlhang leitlho la motho ka popego ya o ne.
Ke motse o o ikadileng fa tlase ga dithaba, melatswana le megobe.
Go goroga teng, o feta ka motse wa Paje o sekgalanyana go tswa mo Serowe, mme gotswa Paje o tsamaya sekgala sa dikhilomithara dile boferabobedi kwa bokone pele ga o tsena ko motseng wa Tshimoyapula.
Batho ba maloba ba boletse fa metse ka bontsi mo Botswana e biditswe maina ka go farologana ka ditiragalo, nako, dithota, ditlhare, batho, diphologolo le ditsatlholego tse di bonwang mo lefelong leo e le bokao.
Kwa bokone ja motse wa Mabeleapudi, go dithojana kgotsa dithaba tse pedi tse di tomogileng mo go tse dingwe mme di lekalekana di bapile, banni ba helo leo ba di tshwantsha le mabele a pudi.
leina la motse wa Mabeleapudi le tswa gone foo ka dithaba tse pedi tse di bapileng, ke dithaba tsa maratagolejwa ebile di oka bajanala le baelatlhoko ba ditso.
Motse wa Mabeleapudi o simolotse o thibelela gone fa dithabeng tseo pele.Bangwe ba bolela fa dithaba tseo di tshwana le mabele a mosetsanyana wa moroba yo o tswang dikolamolora/mabele mme a lebaga a robetse a kaname, ba re go kabo go biditswe leina gotwe Mabeleamoraba.
Go kaiwa fa e ne ele lefelo lele nonneng thata mo temo-thuong gape banni ba ngoketswe teng ke gore ke lefatshe le le humileng ditsatlholego, metsi a mantsi le diphologolo tsa naga.
Mabutswapele a motse wa motse Mabeleapudi a boletse mo potsolosong le ba BOPA, gore Mabeleapudi ke motse o o thibeletseng o le ka fa tlase ga puso ya ga kgosi Khama wa Bangwato.
Mongwe wa mabutswapele, Rre Olefile Phuti, wa dingwaga tse di fetang masome a ferabongwe yo ebileng ele mongwe wa borrangwaneagwe kgosi ya Mabaleapudi, o boletse fa bogologolo merafe e santse e kubetsana, dikgosi di lwela bogosi thata, bangwe bane ba tsamaya ba huduga huduga morago ga dintwa.
Fa bangwe ba merafe ba ne ba kgaogana go batla phulo, metsi, mmu o nonneng wa dijwalo le go tsoma diphologolo tsa naga.
Morago ga makgamukgamu a merafe bangwe ba ne ba tswa ko Shoshong fa bangwe ba tswa ko kweneng mme batla go kopanela mo lefelong le gompieno le bidiwang Mabelaapudi fa dithojaneng tse pedi tseo.
Monnamogolo Phuti yo o buang a sa tsenwe ganong o ne a thathologa jaaka tlhale ka ditso tsa bone, o kaile fa batho bangwe bontsi ba ba thibeletseng foo ele morafe wa Bapedi go tswa Aferika Borwa go tswa Petersburg le morafe wa Bakgala ba tswa Kweneng mme ba kopana ba nna golo gole gongwe ka kutlwano ba latile phulo le metsi.
Ba agile gape le merafe ka go farologana mo Mabeleapudi ee ba fitlhetseng e thibeletse, jaaka Bangwato, Bapedi, Bakgalagadi, Basarwa, Bakwena le Baherora. Kutlwano e a rena fa ga re ga merafe eo.O boletse fa ka nako ya fa ba thibelela foo Bangwato bane ba tswa kwa Palapye baya go nna ko Serowe, ba buswa ke kgosi Khama mme jaanong ba nna ka fa tlase ga bogosi ja Bangwato. Ba dira ditsamaiso tsotlhe tse di dirwang ke Bangwato.
Rre Phuti a re ka nako tseo ba ne ba apara matlalo a diphologolo aa sugilweng, a re ba ne ba tsoma mme ba isa dinama le matlalo ko kgosing kwa Serowe.Ba ne gape ele balemi-barui, ka nako ya temo morafe o ne o tswa ka dipane tsa dikgomo tsa bone ba simolola go lema ko tshimong ya kgosi Khama ko Taukome.
A re mabele a a aneng a lengwa ke o ne ka nako tsa leuba a fiwang morafe go inamola mo leubeng le le tla bong le tlhasetse morafe.
Mo motseng wa Mabeleapudi, Rre Phuti o boletse fa gole dikgotla di le pedi tse ditona ebong ya Kgala le Motau, mme tsedi potlana di kaiwa di le lesome le bobedi ka palo. Ba bina sereto sa kwena le tau.
Kgosi ya motse motse gompieno, kgosi Sebonego Tebelelo, le ene o boletse ka fa a itseng motse wa gagwe ka teng.
O boletse fa motse wa Mabeleapudi hela jaaka Rre Phuti a boletse o biditswe ka dithaba tse pedi tse di ka fa bokone tse di bapileng e kare sehuba sa motho wa mme.
Kgosi o boletse fa dikgosi bogologolo di ne di lwa bobe mme ka nako eo Kgosi Mosarwe a ne a eteletse morafe mongwe go tswa Molepolole, fa Kgosi Seduke a ne a eteletse wa Bapedi go tswa Petersburg mme ba kopanela ko felong le gompieno le bitswang Mabeleapudi.
A re ba ne ba thibelela ka fa tlase ga puso ya Bangwato, a re ba ne ba dira tsamaiso ee dirwang ke bangwato, a bolela gore bogologolo kgosi go ne go tlhomiwa motho yo o senatla a nonofile ebile ale botlhale, fa gongwe go tseiwa bone malope a kgosing kgotsa batlhanka ba kgosing.
Mo di kgannyeng tse dingwe, Kgosi Tebelelo o boletse fa go na le botlhokatsebe mo motseng bogolo jang banana, a re batho bangwe ba dira majalwa a a sa letlelelweng mme ba dira ba iphitlhile thata.
A re go na le borukutlhi jo bo dirwang ke bagolo bangwe ba ba kopanelang dikobo le bana ba dingwaga tsedi ko tlase le kgokgontsho mo malwapeng.
O boletse fa gape ba tshwenngwa ke go tlogela sekole ga bana, bangwe ba tswa ka boimana fa bangwe ba tlogela ka batsadi ba bone ba sena sepe le thuto ya bana ba bone.Kgosi Tebelelo o boletse fa go na le bogodu ja leruo jo bontsi bogolo jang leruo lele botlana le bangwe ba le hilweng ka mananeo a puso.
Fa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mabeleapudi, mme Onalethata Ompone, a boletse fa komiti ya bone e ntse e dira letseno ka kgwebo ya go dira ditena ba rekisa mme a bolela fa jaanong go le bokete ka gore dikgwebo tsa mohuta o o di le dintsi mo motseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Posolotso
Date : 15 Jul 2021