Ba sekaseka tsamaiso ya ditlhopho
14 Jul 2021
Morago ga ditlhopho tsa setshaba tsa 2019, ba-na- le seabe ka go farologana ba ne ba thulanya ditlhogo ba dira ditshekatsheko, mme ba tswa ka dikgakololo dingwe tse ba eletsang di ka dirisiwa mo tsamaisong ya ditlhopho mo lefatsheng leno.
Ditshetsheko tseo, di akaretsa tsa semolao le ditirelo tse di ka diragadiwang ke bodiredi jwa diofisi tsa ditlhopho, mme dingwe tsa tsone di ka dirisiwa mo ditlhophong tse di latelang.
Mafoko a, a builwe ke mogolwane wa ofisi ya ditlhopho kwa Masunga Rre Guylord Ralokwae mo thuto puisanyong ya komiti e e rotloetsang tirisanyo mmogo gare ga diphathi tsa sepolotiki e e bidiwang Party Liason Committee (PLC) le ofisi ya ditlhopho ya kgaolo ya Bokone Botlhaba ko Masunga ka Mosupologo.
Rre Ralokwae o ne a tsibosa gore ba solofele diphetogo dingwe mo ditlhophong tse di tlang.
O tlhalositse fa dingwe tsa ditshekatsheko tseo, di kopa gore go baakangwe le go sekaseka melao mengwe e e ntseng e le teng mo tsamaisong ya ditlhopho.
Rre Ralokwae o ne a itsise batsena thuto puisanyo eo, ka diphetogo dingwe tse di mabapi le tsa sepolotiki, tse di beilweng monwana mme e bile di setse di le mo tirisong.
O tlhalositse fa dingwe tsa diphetogo tseo di akaretsa tshwetso ya gore, moemedi ope wa khansele kgotsa palamente, fa a tswa mo phathing e a ileng koo ka konopo ya yone a tsena mo phathing e sele o tlamega go ithola marapo, go na le pele mo baemedi ba neng ba kgona go fudugela kwa phathing e sele ba ntse ba tshegeditse maemo ao.
Fa a itebaganya le maikaelelo le maikemisetso a komiti ya PLC, Rre Ralokwae o boletse fa e le go rarabolola dikgang tse di ka nnang teng tebang le ditlhopho mo kgaolong, pele di ya kwa makgotla tshekelong.
A re maikaelelo gape ke go tlhomamisa gore batsaya karolo ba akarediwa botlhe mo tsamaisong ya ditlhopho, a supa fa komiti e, e dira boikarabelo jwa yone e setse morago molao wa ditlhopho.
Mo godimo ga baemedi ba diphathi tsa sepolotiki, mehama mengwe e e nang le kemedi mo komiting ya PLC ke ya banana, bomme, ba-na le bogole, ba tumelo ya sekeresete le ba makgotla a babereki.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo, mothusa molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Gotewang Senwedi a re go botlhokwa gore maloko a komiti eo, ba nne ba neelana megopo e e ka dirisiwang go ya pele mo ditlhophong.
Rre Senwedi a re go ka nna molemo fa maloko a PLC a ka amogana megopolo ka bongwe fela jwa pelo, ba sa lebelele gore mogopolo o tswa ka leloko le le tswang kwa phathing efe ya sepolotiki.A re go dira jalo go ka thusa go tswa ka megopolo e e ka tlhabololang tsamaiso ya ditlhopho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Masunga
Event : Thuto puisano
Date : 14 Jul 2021