Ba kopiwa gore ba seka ba tshuba naga
14 Jul 2021
Banni ba kgaolo ya Kgalagadi ba kopilwe gore ba seka ba tshuba naga ka go na le ditlamorago tse di sa siamelang lefatshe jaaka kgotelesego ya loapi.
Molomaganya ditirelo tsa lephata la tshomarelo ya dikgwa le dibapalwa nageng mo kgaolong ya Kgalagadi, Rre Tawana Maunganidze, o buile seo mo potsolosong le BOPA ka Mosupologo, morago ga gore go tlhagoge melelo mo metseng mengwe mo kgaolong eo mo kgweding ya Seetebosigo le Phukwi, e e feletseng e fisa naga, ditlhare, diphologolo le leruo.
O ne a supa fa melelo eo, e setse e timilwe ka tshwaragano le tirisanyo mmogo ya lephata, ba sepodisi le setshaba ka kakaretso.
A re e re ka jaana diphologolo e le makgabisa naga, fa naga e lorile jalo go ama mohama wa Bojanala, o e leng one konokono mo go okeng bajanala.
Rre Maunganidze o tlhalositse fa metse e melelo e tlhagileng gaufi le yone e akaretsa Khuis, Maralaleng, Draaihoek, Werda le polasi ya mahudiso ya KK Ranches gaufi le Tsabong mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa, Ngwatle le Zutshwa mo kgaolong ya Kgalagadi bokone.
Moeteledipele yoo, o tlhalosa gore go ya ka maitemogelo le ditlhotlhomiso, melelo e ka bakiwa ke batsomi ba diphologolo go nyeletsa bosupi,bagogi ba motsoko, mogote o o feteletseng go tshuba bojang, digalase tse dithubegileng mo nageng, batho ba ba bapalang dinotshe, ba ba tshubang kwa masimong le meraka kana legadima le tse dingwe.
A re go tlwaelesegile mo lephateng leo gore go na le paka ya go tlhagoga ga melelo e e simololang ka kgwedi ya Motsheganong go fitlha ka Ngwanaatsele ngwaga le ngwaga, fa bojang bo omelela le diphefo di foka.
Mogolwane go tswa mo lephateng la tshomarelo ya dikgwa le dibapalwa nageng, Mme Tshegofatso Shadreck mo Tsabong, ene o ne a supa fa ngwaga le ngwaga ba nna ba le malala a laotswe go ipaakanyetsa go tlhagogo ya melelo, ka ba setse ba na le badiri ba ba rutetsweng go tima molelo, go baakanya didiriswa tsotlhe tse di tlhokafalang di akaretsa dipalamo, kapari ya itshireletso le tse dingwe.
O ne a supa fa batho ba ba thusang go tima molelo e le baithaopi fela, ka go sena madi a ba atswiwang ka one, fa e se go ba thusa ka dijo le metsi fela le kapari fa e le teng ya itshireletso, mme morago ba e buse.
O boletse fa mo ngwageng tse di fetileng, ba ne ba tshwara dithuto- puisano go rutuntsha setshaba le bana ba dikolo mo metseng e e farologaneng, go nna le kitso e e maleba ya melelo e e tlhagogang, tshireletsego le ka fa e tshwarwang ka teng, mme mo ngwageng o o fetileng le ono ba ne ba seka ba kgona ka mabaka a mogare wa Corona.
Mme Shadreck o ne a gakolola setshaba go kopa dithuso kwa lephateng leo, fa ba tlhoka go tshuba kwa masimong le meraka, ka ba ka ba gakolola ka fa melelo e tshwarwang ka teng, le gone go ba neela diteseletso morago ga go seka-seka bodiphatsa jo bo ka diragalang.
O ne a gakolola setshaba go tshwara melelo ka fa go tshwanetseng, e bile go sireletsegile ka nako tsotlhe, a supa fa gantsi kwa merakeng le masimo ba gotsa molelo ka jalo a ba kopa go tima melelo fa ba feditse.
A tlatsa ka go supa fa tlhase ya molelo e ka baka tshenyo e ntsi thata bogolo jang fa tlhaga e le ntsi.
Mo potsolosong mookamela mapodisi a Werda Superintendent Mompoloki Ramatsia o ne a supa fa mapodisi ba tshwaragane le ba lephata la tshomarelo dikgwa le dibapalwa nageng ka dikgang tsa molelo ka e le bone ba di tlhotlhomisang.
O ne a kaya fa ba ne ba tsibogela molelo o o neng o tlhagile kwa Werda gaufi le masimo mangwe, mme ba o tima o ise o dire tshenyo e ntsi mo nageng.
Superintendent Ramatsia o ne a tlatsa ka go supa gore fa mongwe a ka bonwa molato wa go fisa naga kana go fisa dithoto tsa yo mongwe, katlholo e ka nna botshelo jotlhe mo kgolegelong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Posolotso
Date : 14 Jul 2021