Breaking News

Tshwaraganang go direla lefatshe- moruti

14 Jul 2021

Moruti Dichaba Kebaagetse wa kereke ya God Sanctuary kwa Mahalapye a re go botlhokwa  go tshwaragana go direla lefatshe.

Moruti Kebaagetse o buile se, ka Mosupologo fa lephata la ditsela, dipalamo le ipabalelo tseleng  le tshwaragane le lekgotla la dikereke la Mahalapye Ministers Fraternal  le tshwere thapelo ya dikotsi tsa tsela mo Mahalapye.

A re go kopanela go rapedisa ditsela tsa lefatshe leno ke sesupo sa gore go kopanetswe go direla lefatshe go le isa golo gongwe.

Moruti Kebaagetse a re fa megopolo e farologaneng e kopane go ka duwa ka tlharabololo ya mathata a a leng teng mme ga nna le pharologanyo.

Fa a buwa mo boemong jwa ba lephata la ditsela, dipalamo le ipabalelo tseleng, Moruti Kebaagetse a re moono wa letsatsi leo ke go gakologelwa, go kgotlhatsa le go tsaya kgato.

A re kgangkgolo ke go gakologelwa bao ba ba latlhegetsweng ke matshelo ka ntlha ya dikotsi tsa tsela le go kgotlhatsa maphata a berekang thata le dikgang tse jaaka ba sepodise le ba thuso ya potlako.

O supile gape gore go botlhokwa gore mongwe le mongwe a tseye kgato ka go obamela melao ya tsela, e le ntlha ya go hema dikotsi.

Fa a neela lefoko la kgothatso, Reverend Philip Sello wa kereke ya Dutch Reformed Church  kwa Selibe-Phikwe a re setshaba se tshwanetse  go supa go obamela Modimo ka go dirisa melao e e beilweng ya ditsela.

A re ditsela di na le matshwao le mekwalo e botlhe ba tshwanetseng go e obamela go ipabalela mo dikotsing, a tlatsa ka gore go obamela matshwao a tsela le go babalela matshelo ke sekao sa lorato.

O supile gore go botlhoko gore nako le nako batho ba latlhegelwe ke matshelo ka ntlha ya dikotsi tsa tsela tse di ka bong di kganetswe ka go obamela melao ya tsela.

Modulasetilo wa lekgotla la dikereke la Ministers Fraternal mo Mahalapye, Father Kenneth Mokgothu o lebogetse  botlhe ba ba tsereng karolo mo letsatsing la thapediso ya ditsela.

A re baruti ba seka ba tsaya maikarabelo a dikereke tse ba di eteletseng pele fela, mme a ba rotloetsa gore ba tseye maikarabelo a setshaba ka kakaretso go tsisa phetogo mo lefatsheng.

Mogolwane go tswa kwa sepodiseng sa Mahalapye, Inspector Justice Moilwa  a re  le ntswa dikotsi di bakiwa ke mabaka a farologaneng, go le gantsi dikotsi di bakwa ke diphoso tsa bakgweetsi.

O ka ile fa leruo le lone le baka dikotsi, mme seo ele phoso ya barui ka go supagala fa go sena tlhokomelo e e tseneletseng ya leruo.

O supile fa mo nakong ya malatsi a boitapoloso, dikotsi tsa tsela di gola, mme a re keletso ke gore mono ngwaga go seka ga nna le dikotsi bogolo jang tse di gapang matshelo a batho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Pulamoeng

Location : Mahalapye

Event : Thapelo ya dikotsi tsa tsela

Date : 14 Jul 2021