Breaking News

Kgosi wa Tshokwe o itumelela boitsholo mo motseng

14 Jul 2021

Kgosi Itumeleng Pelotona wa motse wa Tshokwe o kopile bogogi ja motse wa gagwe go ema ka dinao go bona gore thekiso ya majalwa mo malwapeng  e eme.

Mo potsolosong, Kgosi Pelotona a re le fa seemo se nametsa mo motseng wa gagwe go santse go na le botlhabetsi ja batho ba ba tsweletseng ka go rekisa majalwa kwa masimong le kwa merakeng ka bokukuntshwane ntswa puso e emisitse thekiso ya bojalwa.

O gakolotse morafe wa gagwe go agela mafoko a puso mosako a gore ba iphaphe mo bolwetseng ka go sala ditaelo tsa ba botsogo morago ga mmogo le go emisa thekiso ya majwalwa go fitlhelela nako e puso e tla bulang ka yone.

A re bojalwa bo ka tsenya banwi mo diphatseng tsa go tsenwa ke bolwetse jwa COVID-19, a tlhalosa ka gore gantsi fa batho ba itshiela ba rola dibipa molomo, ba a kgobokana e bile ba kgona go fapaanela phafana ya bojalwa.

A re Tshokwe fela jaaka metse e mengwe mo kgaolong ya Mmadinare o amilwe ke mogare wa COVID-19.

 Kgosi Pelotona a re se se tlhatswang pelo ke gore mo nakong ya gompieno ga go ise go nne le ope yoo  latlhegetsweng  ke botshelo ka ntateng ya mogare wa COVID-19 kwa motseng wa Tshokwe

Kgosi Pelotona a re se se supa fa banni ba itumile molomo wa tlase go thusana le puso go lwantsha bolwetse, a re le ntswa malwapa mangwe a kile a amiwa ke bolwetse se ga se aka sa ba latlhisa tsholofelo ya gore nako nngwe ba tlaa fenya mmaba yoo o tsentseng lesukuru lefatshe ka bophara.

Kgosi Pelotona a re se, se a itumedisa ka puso e ka seka ya kgone go laola bolwetse e le nosi kwa ntle ga thuso ya morafe.

Are fa morafe o sa tsee karolo mo twantshong ya mogare, itsholelo e ka felela e phuphame ka madi a mantsi a dirisiwa mo go lwantsheng mogare.

O tlhalositse gore e re le ntswa go setse go simolotswe go kenta bagolo se ga se reye gore batho ba tshwanetse go kgoba kgetsi ka mokento o sa sireletse gore motho o ka tsenwa ke mogare e le fela go thusa mmele go ka itwela fa motho a ka tsenwa ke mogare.

Ka jalo o ba rotloeditse go tswelela ba ipabaletse le go rotloetsa ba ba santseng ba sa tsee ditaelo tsa ba botsogo tsia go fitlhela mongwe le mongwe a bona lemao  la itshireletso.

Mo go tse dingwe Kgosi Pelotona o ne a supa fa botlhoka tsebe bo tshwana le bogodu jwa loruo,kgokgontsho le tiriso bana botlhaswa di santse di bepile ka mo nakong ya gompieno ka ba ise ba begelwe dikgang dipe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Tshokwe

Event : Posolotso

Date : 14 Jul 2021