Breaking News

Mogare wa Delta o aname

14 Jul 2021

Mogakolodi wa tsa boitseanape wa komoti e lwantshang bolwetse jwa COVID-19, Dr Mogomotsi Matshaba a re mogare wa corona o tsweleletse ka go kekela lefatshe ka bophara.

Fa a rola tekodiso bosheng, Dr Matshaba o ne a re mohuta wa mogare o bonweng lantlha kwa lefatsheng la India, e bile o le borai go feta e mengwe, wa Delta, jaanong o aname go ralala lefatshe leno.

A supile fa dipalo di tsweletse ka go golela pele, a re mo malatsing a mane a a sa tswang go feta, go nnile le batho ba ba tshwerweng ka mogare ba le 8 970, fa ba tlhokafetseng bone ba le 51.

O ne a tlhalosa fa kgaolo ya borwa jwa Aferika e itemogetse koketsego ya mogare wa mohuta wa Delta.

Dr Matshaba a re ba itemogetse gape gore mogare o aname thata mo baneng ba dikolo, ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le lesome le boferabongwe. 

O ne a re bana bao ke bone ba anamisang mogare mo bagolong, mme a re fa mogare o ka fitlhela mogolo a nale makoa mangwe, ditlamorago e nna tsa bohutsana.

Ka jalo, o ne a kopa Batswana go tswelela ba itlhokomela, a re mohuta wa mogare wa Delta o anama ka bofefo, ebile o ama botsogo jwa motho ka pele.

Dr Matshaba o ne gape a bolela fa batho ba ba tsereng mokento wa COVID-19 ka botlalo ba supa  mo lekgolong, fa ba tsereng lemano le lengwefela ba le lesome  le bongwe mo lekgolong. 

A re go tsaa lemao, ga go reye gore ba repise itshireletso, kgotsa ga ba na go tsenwa ke mogare, a tlholosa fa lemao le thusa gore e re mogare o seka wa fekeetsa motho.

Dr Matshaba are jaaka go iwa malatsing a boitapoloso, Batswana ba tshwanetse ba ipotse gore a mme go a tlhokafala gore ba tseye maeto. 

Ka jalo, o ne a kopa botlhe go nna le boikarabelo go tila go ka tshela ba bangwe mogare, a tlatsa ka gore fa motho a ikutlwa a sa tsoga sentle, bogolo jang a na le dikai tsa COVID-19, o tshwanetse a ikgape mo sechabeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Thatayamodimo

Location : Gaborone

Event : Tekodiso setshaba

Date : 14 Jul 2021