Breaking News

Lekgotla le kopa puso go tswala dikole

13 Jul 2021

Lekgotla la babereki la BOFEPUSO le gakolotse puso go tswala dikole ka go lebega bolwetse jwa COVID-19 bo kekela mo dikoleng.

Mothusa modulasetilo wa lekgotla le Rre Ketllhalefile Motshegwa o buile se ka Labobedi ko phuthegong ya bobega dikgang.

 O kaile fa seemo sa bolwetse se tsere phekelo e sele mo dikoleng ka jalo go ka nna botoka fa dikolo di ka tswalwa. O kaile fa bolwetse jwa COVID-19 ele mmaba o mogolo o o tsweletseng ka go bolaya barutabana. 

Rre Motshegwa are fa go ka tswala dikole botsogo jwa barutabana bo ka senne mo kotsing. O kaile fa go tswalwa dikole go ka nna molemo mme a kopa puso go tsibogela go kenta barutabana ka ba bolawa ke segajaja se ka dipalo tse di ntsi.

O kaile fa a seemo sa COVID-19 mo dikoleng se kgoreletsa barutabana go ruta ka bontsi bo le mo serubing. O kaile fa a kile a tsaya leeto mo dikoleng tse dingwe mme a lemogile fa go sena bana mo mafelong a borutelo ka le bone ba le mo serubing fa ba bangwe ba ikoka morago ga go tsenwa ke mogare o. 

O supile gore go kenta babereki botlhe ka kakaretso go ka thusa thata go hema manokonoko a bolwetse jwa COVID-19. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : Gaborone

Event : Phuthego ya babegadikgang

Date : 13 Jul 2021