Breaking News

Lephata le abela ba-na-le-bogole

13 Jul 2021

Lephata la temo-thuo kwa Kgatleng le abetse sekole sa ba-na le bogole sa Motswedi Rehabilitation Centre le motlhoka-pono Rre Keisang Moroka didirisiwa tsa temo di akaretsa dikiriba, digarawe, matloa, diphaepe, dikota le tse dingwe.

Morulaganyi wa lephata la temo-thuo kwa Kgatleng Rre Andrew Moikopi a re maikakaelelo a lephata ke go tokafatsa seemo sa dijo mo lefatsheng.

Fa a bua kwa modirong wa kabo-dimpho kwa sekoleng seo bosheng, Rre Moikopi o boletse fa puso e itlamile go tlhomamisa gore mongwe le mongwe o akola mananeo a temo-thuo ka go tsaya karolo.

O boletse fa temo-thuo e le nngwe ya matshego a Batswana ba ikaegileng ka one go itshetsa, a re ke ka moo puso e lekang go ngokela banana le ba-na le bogole mo temo-thuong. 

Rre Moikopi a re temo-thuo e ka thusa gore lefatshe le nne le itsholelo e e itshetletseng, a tlatsa ka gore se se ka kgonagala fa go na le kutlwisisanyo le tshwaragano.

O solofeditse fa lephata la temo-thuo kwa Kgatleng le tlaa dirisanya le sekole sa Motswedi Rehabilitation Centre go tlhomamisa gore maitlamo a, a diragala.

A re ba tlaa dira se ka go lekola sekole gangwe le gape go tlhola gore a go na le fa dithuso di tlhokegang teng. 

Morulaganyi wa sekole Rre Dikgang Tlhowe o lebogetse dimpho tse, a re di tlaa tlhofofatsa maikakelelo a sekole a go rutuntsha baithuti ka tsa temo. Rre Tlhowe are dingwe tsa didirisiwa tse di tlaa fiwa bangwe ba baithuti e le tsela ya go ba rotloetsa go itemela kwa malwapeng.

A re le fa go ntse jalo, ba na le dingongora tsa gore batsadi bangwe ba ikgagapelela ditsompelo tsa bana kwa malwapeng, ba ba itsa go di dirisa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Sandra Sethaiso

Location : Mochudi

Event : Kabo dimpho

Date : 13 Jul 2021