Ba Tsabong ba rapedisa dikotsi
13 Jul 2021
Moeteledipele wa lephata la ditsela, dipalamo le ipabalelo tseleng go tswa Kang Mme Tlamelo Tsie-Mokibe o kopile bakgweetsi go ela tlhoko matshwao a tsela le go kgweetsa ka lobelo le le lekanetseng.
O buile se, ka Matlhatso mo tirong ya thapelo kgatlhanong le dikotsi tsa tsela e e neng e tshwerwe ke lekgotla la dikereke mo Tsabong.
Mme Tsie-Mokibe a re ba itemogetse pharakano e ntsi mo ditseleng bogolo jang fa go nna malatsi a boikhutso ka jalo gole botlhokwa gore bakgweetsi ba kgweetse ka kelotlhoko go thibela dikotsi.
A re dipatlisiso tsa lekgotla la mafatshe-fatshe di supa gore bontsi jwa nako dikotsi di direga go sa tlhokafale, mme mafatshe a rotloediwa gore go sekasekwe ditsela le mebila yotlhe lefatshe ka bophara.
O tlhalositse fa gone ga ntshiwa taelo ya gore go kgweediwe ka lebelo la 30km mo oureng mo ditseleng tse di gaufi le dikolo.
Mme Tsie-Mokibe a re lekgotla leo la mafatshe-fatshe monongwaga le laotse gore go sekasekiwe ditsela gore di mo seemong se se ntseng jang le gore di tokafadiwe.
O rotloeditse baeteledipele ba dikereke gammogo le baeteledipele ba sepolotiki go gasa molaetsa wa itshireletso tseleng le go bona gore ditsela di nna mo seemong se se siameng
Mme Tsei-Mokibe a re lephata la gagwe le itemogetse gore batho bangwe ba dikereke ga ba itapolose fa ba letse mo diphuthegong, mme e re phakela ba tsene mo tseleng ba ise ba ikhutse, a tlatsa ga gore seo se baya matshelo a bone gammogo le a badirisi ba bangwe ba tsela mo kotsing.
Mme Tsie-Mokibe o gateletse gore basha mo dikerekeng ba tshwanetse ba gakololwa ka ipabalelo tseleng nako le nako.
Fa a tswa la gagwe, Assistant Superintendent Thembani Tulu go tswa mo Tsabong a re dikotsi tsa tsela di a tshwenya bogolo jang ka malatsi a boitapoloso.
Rre Tulu o tlhalositse fa mo kgaolong ya Kgalagadi ka kakaretso go nnile le dikotsi tsa tsela di le 130 go tswa ka kgwedi ya Hirikgong go fitlha kgwedi ya Sedimonthole ngwaga o o fetileng, mme mo dipalong tse go latlhegile matshelo a le boferabobedi.
A re ele ba sepodisi ba itemogetse gore dikotsi ka bontsi di bakiwa ke go kgweetsa ka lobelo le le kwa godimo, ditsela tse di sa siamang, seemo sa bosa jaaka go kgweetsa mo dipuleng, go tsamaya ka koloi e sa siama, le tse dingwe jaaka dikgomo mo ditseleng.
Moeteledipele wa lephata la ditsela, dipalamo le itshireletso mo Tsabong, Rre Leon Nthebolang ene a re maikaelelo a go nna le segopotso sa letsatsi leo ke go gopola matshelo a a latlhegileng ka lebaka la dikotsi.
A re moono ke gore ditsela di tshwanetse tsa sireletsega, tsa tlhofofatsa botshelo e seng gore jaanong di fetoge diphuphu mo matshelo a batho a felelang teng.
A re go botlhokwa gore go tshwarwe thapelo kgatlhanong le dikotsi ka gore jaanong di setse e le bontlha bongwe jwa botshelo le ntswa go sa tshwanela, ka di gapa matshelo a batho nako le nako. O tsweletse are seo se tshwanetse sa emisiwa ka boitshwaro jo bontle mo ditseleng.
Moeteledipele wa lekgotla la baruti mo Tsabong gape e le moruti wa phuthego ya Assemblies of God, Rre Mareko Tolosi a re go botlhokwa go rapela kgatlhanong le dikotsi go ema mmaba pele.
A re thapelo e botlhokwa, a tlatsa ka gore pele ga Modimo a ka fodisa lefatshe setshaba se tshwanetse sa nna boikokobetso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Caviniah Kgautlhe
Location : Tsabong
Event : Thapelo kgatlhanong le dikotsi tsa tsela
Date : 13 Jul 2021