Bomme ba akgoletswe go dira ka diatla
11 Jul 2021
Mopalamente wa Mochudi Botlhaba, Rre Mmusi Kgafela, o akgoletse mokgatlho wa bomme wa Malotwana Women Group Organisation go dira ka diatla le go abelana dithuto le megopolo.
Rre Kgafela o buile jalo bosheng kwa Malotwana, a ile go lekola ditiro tse di dirwang ke mokgatlho.
A re go a itumedisa go bona bomme ba le seopo-sengwe e bile ba dira ka diatla.
O tlhalositse botlhokwa jwa go dira ditiro tse di ka thusang go somarela ngwao gore ba ba tswang kwa mafatsheng a sele ba kgone go ithuta ditso ka go bona tse ba di dirileng.
Rre Kgafela o rotloeditse bomme ba gore ba fetisetse dithuto tsa bone kwa bananeng, a re seo se ka thusa gore kitso e ba nang le yone le ngwao di seka tsa nyelela.
Rre Kgafela yo gape e leng tona wa lephata Peeletso, Papadi le Madirelo, o rotloeditse mokgatlho wa Malotwana Women Group Organisation go tokafatsa bokgoni jwa maloko gore ba kgone go tokafatsa boleng jwa dithoto tsa bone ka maikaelelo a gore di kgone go phadisanya le go phunyeletsa mmaraka wa lefatshe ka bophara.
Mogolwane wa mokgatho, Mme Grace Peterson, o ne a tlhalosa gore ba dira mekgabisa ka go farologana, mme ba dirisa boitseanape jo ba bo filweng ke Modimo.
Mme Peterson a re ba dira ditiro jaaka go kgabisa megagolwane le go dira tee ka modi wa setlhare sa Motlopi.
Mme Peterson a re go itirela ka diatla go ka thusa motho go itshetsa.
A re keletso ya bone ke go bona banana ba supa kgatlhego gore ba kgone go ithuta mo go bone.
O tsweletse a re ba eletsa gore go ka tshwarwa ditshupo tsa bagwebi gangwe le gape gore ba kgone go supa bontle le botswerere jo ba bo dirang ka diatla.
Mme Peterson a re ditshupo tsa go nna jalo di ka thusa gore go nne le madi itshetso le go okela bajanala kwa Malotwana le kgaolo ya Kgatleng ka kakaretso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Sandra Sethaiso
Location : MALOTWANA
Event : Phuthego
Date : 11 Jul 2021