BOFEPUSU e rotloetsa banana go tsweledisa ditoro
11 Jul 2021
Moeteledipele wa lekgotla la Botswana Federation of Public Private and Parastatal Sector Unions (BOFEPUSU) o rotloeditse banana go tsweledisa ditoro tsa bone le ntswa ba amilwe ke seemo sa COVID-19.
Rre James Tshukudu o buile se mo thuto-puisanong mo Gaborone bosheng, e maikaelelo a yone e neng e le go bua ka manokonoko a COVID-19 mo go tsa bodiragatsi le metshameko.
Rre Tshukudu o ne a supa fa banana e le bone ba ba tlhaga, ka jalo go botlhokwa gore ba seka ba felelwa ke tshepo mo go tse ba di dirang kgotsa ba ineela go diragatsa dikakanyo le ditoro tsa bone go ikgodisa.
A re fa e sale lefatshe le welwa ke seru sa COVID-19, banana bangwe ba feletswe ke tsholofelo ka jaana metswedi e ba neng ba itshetsa ka yone e phutlhame fa e mengwe e sa dire dipoelo.
Le fa go ntse jalo, o gakolotse banana go batla ditsela tse di ka ba thusang go tswelela ba le tlhaga, a re gape ba tle ka maano a ba ka a aroganang ka bo bone mo maitekong a go itepatepanya le dikgwetlho tse ba di raletseng ka go farologana mo nakong eno le go ya kwa pele.
Rre Tshukudi a re seemo sa tlhaelo ya metswedi e e ka tlhamelang banana ditiro se ngomola pelo e bile se golela pele, a tlatsa ka gore seo se tlhotlheleditswe ke gore bangwe ba ne ba latlhegelwa ke ditiro ka one mabaka a COVID-19.
Go sale foo, mongwe wa banana yo le ene a amilweng ke seemo sa letlhoko la tiro, Mme Lebalang Marumo o kaile fa go tlhoka metswedi ya itshetso go na le seabe mo go tlhotlheletseng bangwe go inaakanya le go amega mo ditirong tsa botlhoka tsebe di akaretsa tiriso phetelela ya dinotagi le diritibatsi, dikgang tsa kgokgontsho le tse dingwe fela jalo.
O supile fa a lebogela maiteko a puso e a dirang e akaretsa lenaneo la ithutelo tiro ya diatla.
Go sale foo, a re bangwe banana ba retelelwa ke go itsetsepela ka jaana ba tlhoka tlhotloetso e akaretsa tshidilo maikutlo tebang le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone.
Maikaelelo a thuto-seka-dipuisano eo gape e ne e le go tla ka maano a a ka thusang badiragatsi le ba metshameko go tsweledisa ditiro tsa bone mme go sa beye matshelo a ba bangwe mo diphatseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : GABORONE
Event : Thuto-puisano
Date : 11 Jul 2021