Breaking News

Morui wa dikolobe o kopa matlhabelo

11 Jul 2021

Morui wa dikolobe kwa Nhabe, Rre Vepaune Moreti, o kopile puso go thusa barui ba dikolobe ka matlhabelo.

A re matlhabelo a ka tokafatsa thuo ya bone ka jaana dikgwebo di ka gola mme ba kgone go bona mebaraka e e itshetletseng.

Rre Moreti o ikuetse jalo fa mothusa tona wa Lephata la Tlhabololo Temo Thuo le Dijo, Mme Beauty Manake, a ne a etetse kwa kgwebong ya gagwe.

O boletse fa kgwebo ya dikolobe e le bogadi bogaufi le fa dijo tsa tsone di tura mme a supa fa sebe sa phiri e le go tlhoka fa ba tlhabelang teng.

O boletse fa  a simolotse ka dikolobe di le nne  mme gompieno di oketsegile thata ka jaana a na le masaka a le mararo e bile a kgona go rekisetsa ba bangwe le gone go tlhabela mmaraka a tlatsa ka gore ba tlhabela fela mo setlhareng ka ntlha ya letlhoko la matlhabelo.

Rre Moreti a re kgwebo ya gagwe e dira sentle thata le ntswa a sena kitso kana ikatiso ya go rua dikolobe a tlhalosa fa lerato e le lone le mo dirileng gore a tsene mo thuong ya dikolobe ka jaana a ne a remeletse thata mo kgwebong ya dikoko, dihutshane le go lema.

A re go bala le go batlisisa go mo thusitse gore a nne le lesedi ke ka moo a kgonneng go simolodisa thuo ya dikolobe. 

Rre Moreti o boletse fa mmaraka wa dikolobe o nametsa mme a kopa puso go sekaseka gore a nama ya kolobe e ka seke e jesiwe bana ba dikole go atolosa mmaraka wa barui.

O kopile Botswana Marketing Agricultural Board (BAMB) go ba thusa gore ba kgone go itirela dijo tsa dikolobe a tlatsa ka gore ba kokonelwa ke ditlhwatlhwa tse di kwa godimo.

Fa a ntsha la gagwe, Mothusa Tona Manake o ne a lebogela maiteko a ga Rre Moreti ka jaana go supegetse fa a simolotse kgwebo ya dikolobe a sa dirise dithuso tsa puso kana tsa malakana a a ikemetseng.

O gateletse botlhokwa jwa go nna le dikolobe tse e leng tsa bone a supa fa barui ba reka kwaAferika Borwa, mme bosheng jaana lefatshe leo le ne le wetswe ke seru sa bolwetse jwa dikolobe.

A re barui ba tshwanetse go itsosa mme ba lese go ikaega ka mafatshe a mangwe. 

Mme Manake o gateletse fa bophepa e le konokono a supa fa matlhabelo a le botlhokwa ka jaana a rotloetsa bophepa.

Motshwarelela mogokaganyi wa tsa temo-thuo kwa Ngamiland, Dr Ramosamo Rancheke, o ne a supa fa go tlhoka matlhabelo a dikolobe e le kgwetlho mo kgaolong.

A re kago ya matlhabelo e turu thata mme gape ga ba rotloetse a nakwana.

 

 O boletse gape fa thuo ya dikolobe e le kgwebo e ntsha mo kgaolong ka jaana bontsi bo ise bo inaakanye le yone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : Loeto

Date : 11 Jul 2021