Breaking News

Letshwao le tsena mo tirisong

11 Jul 2021

Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o rebotse semmuso tiriso ya boranyane jwa letshwao la dihutshane.

Barui ba tlaa tsenya lenyena mo tsebeng ya sehutsane mme go nne le motlhala wa kwa sehutshane se ruetsweng teng.

E rile a bua ka Labotlhano kwa polasing  ya Lobu, Dr Masisi a bolela fa tiriso ya boranyane mo thuong e le botlhokwa ka bo ka dirisiwa ke barui go lomagana le barui ba bangwe le go isa dithotho tsa bone kwa mafatsheng a sele.

A re tiriso ya boranyane joo ke konokono mme ebile balemi-barui ba tshwanetse ba itse gore fa ba rua ga ba ruele go rekisa mono fela.

Ka jalo a re ba tshwanetse go dira ka natla go itse gore sepe se ba se ntshang se tlaa nna le motlhala ka go tlaa dirisisiwa boranyane joo go itse kwa se seruiwa se tswang teng.

O gakolotse barui gore boranyane joo bo a go senola dikitso tsotlhe ka sehutshane sengwe le sengwe, ka jalo barui ba tshwanetse go dira dilo ka kelelelo ba itse gore se ba se dirang koo se ka felela se jewa ke mongwe kwa mafatsheng a sele.

Tautona Masisi re fa moji-moreki a ka tsenwa ke botlhoko kana a rata nama eo go tlaa kgona go itsewe sentle gore e tswa kae.

A re go na le madi a lenaneo la Economic Recovery and Transformation Plan aa tlaa dirisiwang go godisa mohama wa dihutshane.  

A re maikaelelo a puso ke go ntsha dihutshane di ka tshwara di dikadike tse nne. 

Tautona o ne a tlhalosa fa mo sebakeng sa gompieno go setse go dirilwe manyena a dihutshane a le sedikadike mme a lopile P20 million.

A re barui ba a go tlhoka go dirisa manyena ao gore ba kgone go rekisa kwa matlhabelong.

O supile gore maikaelelo magolo a puso a go simolodisa lenaneo leo ke gore Batswana ba akole maungo a go rua dihutshane. 

Ka jalo, seabe sa puso ke go rotloetsa gore seo se diragale ka go supegetsa Batswana metlhala ya khumo le go tlhofofatsa gore ba kgone seo.

Dr Masisi o kaile fa puso e tlaa tswelela ka go godisa thuo ya dihutshane ka go rutuntsha barui mo dithutong tse di tsweletseng kwa Lobu le go ba abela diphoko tsa boleng jo bo rileng.

A re seo se tlaa thusa go kabakanaya le go tokafatsa itsholelo e e kokonetsweng thata ke segajaja sa COVID-19. 

A re tiriso ya boranyane go rua dihutshane e ka thusa lefatshe leno go tswa mo go ikaegeng thata ka ditswammung.

Tautona Dr Masisi o tlhalositse fa mohama wa dihutshane o tlaa nna mengwe ya metlhala ya go godisa itsholelo.

O tlhalositse gape fa go tlaa gamiwa matute a diphoko tse di nonofileng, go dirwe mehunwane go tokafatsa boleng jwa dihutshane ka jalo boranyane e tlaa nna mmang-mmang. 

A re go tlaa dirwa phoko e e haphegileng ya Kalahari Ram e e tlaa ntshang diruiwa tse di tlaa kgonang go lepalepana le seemo sa Botswana.

Dr Masisi o ne a tlhalosa fa puso e dira moalo wa gore boranyane bo aname lefatshe lotlhe gore barui ba kgone go nna le jone kwa merakeng go ntsha maduo a a bonalang. 

Mme ebile maiteko ao a tlaa thusa morui gongwe le gongwe mo Botswana gore a kgone go rekisa khutlong tse nne tsa lefatshe.

Tautona a re matlhabelo a diruiwa a a agaiwa kwa Tsabong ka jalo go botlhokwa gore barui ba ntshe dipalo tsa dihutshane tse di kwa godimo ka gore tse di setseng di le teng di kwa tlase.

Fa a tswa la gagwe, Tona wa lephata la Tlhabololo Temo Thuo le Tlhomamiso dijo, Rre Karabo Gare o boletse fa puso e le mo letsholong la go godisa mohama wa thuo ya dihutshane ka go dirisa boranyane.

A re e re ka Botswana a bone mmaraka wa dihutshane kwa mafatsheng a mangwe, go botlhokwa go tlhomamisa gore go setswe ditsamaiso tsa thuo morago go kgona go phunyeletsa mo mmarakeng oo.

Ka jalo a re go botlhokwa go dirisa boranyane mo thuong go rekisa phatlalatsa lefatshe lotlhe. 

Tona Gare o tlhalositse fa boranyane bo ka lomaganya barui ba dihutshane le mmaraka.  

A re maikaelelo a puso ke gore ka kgwedi ya Phalane, barui ba bo ba ka reka manyena ao gongwe le gongwe mo Botswana.

A re maikaelelo a lephata leo ke go phatlalatsa manyena a masha a dihutshane lefatshe ka bophara mme a setse a rekwa kwa Tsabong, Werda, Kang le Hukuntsi. 

A re go setse go rekilwe manyena a le 243 000 mme a tlaa thusa thata mo thekong, thekisong le mo papadisanyong ya dihutshane.

Modulasetilo wa khansele ya Kgalagadi, Rre Hendrick Jacobs, o lebogetse Tautona go diragatsa ditsholofetso tsa gagwe mo kgaolong ya Kgalagadi ka go tlhabolola temo-thuo. 

O ne a tlhalosa gore Tautona o tsisitse ditlhabololo mo kgaolong eo ka gore nako le nako fa a kgabola koo o ribolola sengwe se sesha mme seo a tlhalosa e le kgatelo pelo mo tlhabololong ya matshelo a batho.

 

Tautona Masisi o ne a patilwe ke tona wa Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao, Rre Tumiso Rakgare le mokwaledi wa Lephata la Mafatshe a sele le Ditirisanyo, Dr Gladys Mokhawa yo go solofelwang fa a tlaa lomaganya botsalano jwa Botswana le mafatshe a go bonweng mmaraka wa dihutshane teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : LOBU

Event : Loeto

Date : 11 Jul 2021