Komiti e rotloetsa banana go inaakanya le lenaneo la YDF
11 Jul 2021
Komiti ya ditlhabololo tsa dikgotla tsa Bokaa, Xhosa 2 le Mowana (BOXHOMO) kwa Mahalapye e rotloeditse banana ba dikgotla tseo go inaakanya le lenaneo le le thusang dikgwebo tsa banana la Youth Development Fund (YDF).
Komiti eo e ne e tshwere thuto puisano ya banana kwa Mahalapye bosheng.
Modulasetilo wa komiti ya BOXHOMO gape e le monana yo o kileng a thusiwa ka lenaneo la YDF, Rre Joseph Ntesang, o supile fa maikarabelo a komiti e le go lomaganya morafe le ditirelo tsa puso.
A re ke jaaka ba tsere matsapa a go dira bokopano le banana gore ba ba kgothatse ka lenaneo le le ka ba thusang go tlhabolola matshelo a bone.
O rotloeditse banana go tsaya karolo mo go ikopeleng madi, a supa fa ba le teng go ba thusa. O tlhaloseditse banna fa diofisi tsa banana le tsone di le teng go ba thusa.
A re le fa banana ba ka se atlege botlhe, mme fela fa ba kwadisitse dikgwebo tsa bone ba tla nna le sebaka sa go ikopela madi mo makalaneng a mangwe jaaka CEDA.
Mongwe wa banana ba ba kileng ba thusiwa ka lenaneo la YDF, Rre Mphoentle Mazunga, o ne a tlhalosetsa banana ka tsela ya go ikopela madi le dikgwebo tse di ka thusiwang.
Rre Kago Mako, yo o kwadisang dikgwebo, o rotloeditse banana ka botlhokwa jwa go kwadisa khamphane go na le leina la kgwebo.
O supile gore khamphane e botlhokwa ka e ka dira dilo di le dintsi go na le leina la kgwebo.
Thuto seka dipuisano eo e ne e tsenwe gape ke kgosi ya Mowana, Kgosi James Ramaijane le maloko a komiti ya a BOXHOMO. ENDS
Source : BOPA
Author : Masego Pulamoeng
Location : MAHALAPYE
Event : Thuto puisano
Date : 11 Jul 2021