Komiti ya ditlhabololo tsa motse e rotloetsa banana go inaakanya le YDF
10 Jul 2021
Komiti ya ditlhabolo tsa motse kwa Mahalapye ya dikgotla tsa Bokaa, Xhosa 2 le Mowana (BOXHOMO) e rotloeditse banana ba dikgotla tseo go inaakanya le lenaneo le le thusang dikgwebo tsa banana la Youth Development Fund (YDF).
Komiti eo e ne e tshwere thuto-puisanyo ka Labone kwa Mahalapye le banana. Modulasetilo wa komiti ya BOXHOMO gape e le monana yo o kileng a thusiwa ka lenaneo la YDF, Rre Joseph Ntesang, o supile fa maikarabelo a bone jaaka komiti e le go lomaganya morafe le ditirelo tsa puso.
A re ke jaaka ba tsere matsapa a go dira bokopano le banana gore ba ba kgotlhatse ka lenaneo le le ka ba thusang go tlhabolola matshelo a bone. O rotloeditse banana go ikopela madi, a supa fa komiti e le teng go ba thusa. O tlhaloseditse banana fa diofisi tsa banana le tsone di le teng go ba thusa.
A re le fa banana ba ka se atlege botlhe, mme fela fa ba kwadisitse dikgwebo tsa bone ba tla nna le sebaka sa go ikopela madi mo makalaneng a mangwe a tshwana le bo CEDA.
Mongwe wa banana ba ba kileng ba thusiwa ka lenaneo la YDF, Rre Mphoentle Mazunga o ne a tlhalosetsa banana ka tsela ya go ikopela madi ga mmogo le dikgwebo tse di ka thusiwang.
Rre Kago Mako yo o kwadisang dikgwebo o gateletse botlhokwa jwa go kwadisa khamphane go na le leina la kgwebo. O supile gore khamphane e botlhokwa ka e ka dira dilo di le dintsi go na le leina la kgwebo.
Thuto-puisanyo eo e ne e tseneletswe ke kgosi wa Mowana, Kgosi James Ramaijane le maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse ya BOXHOMO. Ends
Source : BOPA
Author : Masego Pulamoeng
Location : MAHALAPYE
Event : Thuto-puisanyo
Date : 10 Jul 2021