Dirisang botswerere go itshetsa - moletsi
08 Jul 2021
Go tshegetsa talente fela jaaka thuto go ka tshetsa motho.
Monana yo o letsang katara kwa Palapye, Rre Michael Monang wa dingwaga tse di masome a mararo le bone, le fa a ise a ko a bereke, ba lwapa la gagwe ga ba wele mo isong ka talente ya gagwe e ba tshegeditse.
Mo potsolosong le BOPA ka Laboraro, Rre Monang a re o simolotse go letsa katara ka 2009.
Le fa a ithutile go letsa katara go bona letseno, fela jaaka bagwebi ba bangwe, Rre Monang o lepalepana le dikgwetlho di tshwana bothata jwa dituelo morago ga go diragatsa kwa medirong jaaka kwa manyalong, dikgotleng le kwa dibareng, a re o kgona go nna lebaka le letelele go sena kwa a diragatsang teng.
O lebogela tirisanyo mmogo ya gagwe le ba lephata la tlhabololo bananakwa Palapye ka a tlhalosa fa ba nna ba mo laletsa fa go na le ditiro di tshwana le dithuto-puisanyo go natefisa.
Rre Monang a re Batswana ba amogetse talente ya gagwe ka tsoo-pedi. “Ke rutile batho ba le bantsi go letsa katara ka maikaelelo a go tsenya letseno mo kgetsing,” ga bua Rre Monang.
O ne a supa fa a kile a ya kwa Kenya ka 2013 a ile go diragatsa teng mme batho ba koo ba rata talente ya gagwe. A re o simolotse go tsenelela dikgaisanyo tsa malatsi a ga Tautona ka 2011 mme a tsaya maemo a bone.
“Ke nna ke tsenelela dikgaisanyo tse ngwaga le ngwana ka ke gone ka fa Batswana ka bontsi ba itsileng talente yame ka teng,” ga tlhalosa Rre Monang.
O ne a re ka sengwe le sengwe se na le dintlenyane le tse di bosula, COVID-19 e mo rutile go boloka madi go sa kgathalasege gore a bonnye jo bo kae ka phiri o rile ga bo se gangwe gore fa diemo di le thata a gopole mabolokelo a gagwe eseng go imetsa puso morwalo ka go thusiwa ka di-ya maleng.
“Ke eletsa gore mo dingwageng tse tlhano ke bo ke itsege lefatshe ka bophara ke le sekgantshwane sa nnete sa go letsa katara,” ga bua Rre Monang.
O kopa thuso mo setshabeng go mo thusa ka maele a go atolosa talente ya gagwe gore a kgone go gatisa tiro ya gagwe.
Rre Monang o ne a rotloetsa banana go tsaya ditalente tsa bone ka tlhoafalo ka di ka ba inola mo lehumeng tsa bo tsa thusa go rarabolola letlhoko la ditiro mo lefatsheng leno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Segojame Ikgopoleng
Location : Palapye
Event : Potsolotso
Date : 08 Jul 2021