Kgosi o lela ka botlhokatsebe jwa banana
08 Jul 2021
Mokgwa wa go ikgatholosa kgodiso ya ngwana o supiwa o na le seabe mo botlhokatsebeng ga bana ba dikole kwa Maun.
Bana ba, ke bangwe ba ba ba iphetotseng diganana ba sa tsene sekole sentle, ba natefelelwa ke go gobeya mo mebileng le mo marekisetsong, boitshwaro jo bo tlhokang go emelwa ka dinao.
Bangwe ba bone ba inaakantse le nnotagi le mororo ba sale bannye, selo se se ngomolang pelo e le gore bangwe ke ba dikole tse dipotlana ba dingwaga tse di fa gare ga bosupa le lesome le motso (7-11).
Mo potsolotsong le BOPA ka Laboraro, Kgosi Mokopu Banyatsang wa kgotla ya Boseja Bokone o ikuetse mo batsading go tshwaragana le bogogi go lwantsha botlhokatsebe jwa bana jo bo ileng magoletsa mo kgaolong.
O supa fa a ngomolwa pelo ke gore bangwe ba batsadi ba ithetse moriti o tsididi fela ba sa kgalemele bana.
A re bangwe ba batsadi ba rotloetsa botlhokatsebe ka jaana ba folodisa maiteko a puso a go emisa thekiso ya bojalwa e le tsela nngwe ya go lwantsha segajaja se se apereng lefatshe ka bophara.
Kgosi Banyatsang a re thekiso ya bojwala e jweleletse mo kgaolong ya gagwe e bile ba lemogile fa go na le badirelapuso bangwe ba ba dirisanang le barekisi ba bojwala.
A re fa ba itse gore puso e tlaa tsaya tshwetso ya go emisa thekiso ya bojalwa, ba loma barekisi tsebe gore ba rekele ruri.
O tsweletse a re bana ba tlhola kwa marekisetsong a majalwa, mme e bile bangwe ba senya, le gone go tlhapatsa batho.
A re ba bogosi ba lekile thata go letsa moretlwa mo baithuting ba dikole tse dikgolwane ba ba amegang mo botlhokatsebeng, mme seemo se sa fetoge ka ba tsweletse fela.
Kgosi Banyatsang a re maiteko a dirilwe gape go ikgolagantswe le barutabana mme ga go nko e tswang lemina, a tlatsa ka go re seru seo ga se ame malwapa a a ’kobo dikhutshwane fela.
A re bosheng jaana rre mongwe yo o ruileng dikolobe mo kgaolong o begile fa a fitlhetse segopa sa basimanyana kwa madirelong a gagwe ba tsaya maungo a a kgobokantseng go fa dikolobe mme ya re ba mmona ba inaya naga.
O supile fa batsadi bangwe ba befisa seemo ka jaana ba ikgatholosa boikarabelo jwa go godisa bana ka go inaakanya le dinotagi fa bangwe ba tserwe ke mebereko.
A re ba itemogetse seo ka nako ya letsomo la ditlhapi ka jaana batsadi ba ne ba phuaganya bana ba fudugela kwa letsheng la Ngami mme bana ba sale ba bona sebaka sa go itaola ka go sena ope yo o ba kgalemelang.
Kgosi Banyatsang o ikuetse mo batsading go tsaya boikarabelo mo kgodisong le mo thutong ya bone.
O kopile batsadi go lemotsha bana botlhokwa jwa thuto ka e le yone fela e ka ba betlelang bokamoso jo bo eletsegang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Maun
Event : Potsolotso
Date : 08 Jul 2021