Rre o itshetsa ka tiriso ya matlakala
08 Jul 2021
Ntswa maranyane a na le ga one, go le gantsi a na le mosola fa a dirisiwa sentle.
Gangwe le gape batho ba rata go supa masula a a tlang ka one, mme botshelo jwa ga Rre Phetogo Selato, 38, bo fetotswe ke tiriso ya one maranyane a.
Mo potsolotsong le BOPA ka Laboraro kwa Seolwane, Rre Selato yo o dirang digalase, a re o se a leng sone ka botsipa jo a bo anyileng mo maranyaneng.
dira dilo di tshwana le galase tse di tshegetsang lebone, dikopi, digalase tsa bojalwa, dithunya le trophy ka mabotlele a bojalwa le a dino- tsididi, tse a di dirang kwante ga dithuto dipe tse di amanang le se a se dirang.
O ithutile fela mo maranyaneng ka a ne a na le lorato le kgatlhego ya go dirisa mabotlele a a sa tlholeng a dirisiwa.
Rre Selato ka go bona digalase tse di dirilweng ka mabotlele a bojalwa ke ba Tshomarelo Tikologo kwa Gaborone, a gwetlhega le go feta, a simolola go dira dipatlisiso go itse thata gore ba dirile jang, a felela a bone dikitso mo maranyaneng.
A lemoga fa a ka dira botoka go na le se a boneng ba se dirile.
Morago ga go sekaseka gore mabotlele a dirisiwa lebaka le le kae le go lemoga fa a ka tshetsa motho, a simolodisa kgwebo ya gagwe ka 2013.
Rre Selato a re o ne a rotloetsega thata ka go lemoga fa go sena khamphane epe mo Botswana e e remeletseng ka go dirisa mabotlele,
A re o setse a ile kwa Francistown, Maun, Letlhakane le Orapa a ntse a bapatsa kgwebo e ya gagwe mme e bile Batswana ba e amogetse ka tsoo-pedi.
A re ntswa a raletse dikgwetlho di akaretsa letlhoko la dipalamo le letlhoko la didirisiwa, ga a kitla a ipona tsapa mme o tlaa itshoka fela ka tumelo ya gore letsatsi le tlaa mo tlhabela ka tsholofelo e sa tlhabise ditlhong.
Rre Selato a re go tlhaga ga bolwetse jwa COVID-19, go amile kgwebo ya gagwe fela thata ka mafelo a a tsayang mabotlele kwa go one jaaka kwa dibareng a ne a tswalwa.
O tlhalosa fa se, se ile sa mo fa mogopolo o o botoka ka a ile a felela a simolola go dirisa mabotlele a dipolaseteke a dino-tsididi ka le banwi ba bojalwa le bone ba feletse ba a nwa tsone.
“Lorato le keletso di kwa godimo, di tlhoka go ka thusiwa ka didirisiwa go tokafatsa boleng jwa tiriso ya mabotlele,” ga bua Rre Selato.
A re o eme ka tsholofelo ka a tsentse kopo go thusiwa go godisa kgwebo.
Rre selato a re ga a a lebagana le kgwebo ya tiriso ya mabotlele fela, o dirile madirelo a a tlhatswang dikoloi, disofa, materase le diphate.
O dira meriti ya ditankana le tse dingwe le go kgabisang meriri.
A re o bereka a le nosi mme fa tiro e le ntsi o thapa baberiki ba nakwana.
“Ke dirile dikgwebo tse ke leka go atolosa kgwebo ya go dirisa matlakala,” ga bua Rre Selato.
O ne a gakolola banana gore ba seka ba iphelela pelo mme ba akanye ka dilo tse dintsi tse ba ka itshetsang ka tsone ka lefatshe le lela ka letlhoko la ditiro gammogo le ka madi.
A re puso le yone e tsenye leitlho thata mo bananeng ba ba kgonang go dira, ka le bone banana ba ka mo thusa go tswakanya itsholelo ka go tlhama mebereko. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Segojame Ikgopoleng
Location : Seolwane
Event : Polelo
Date : 08 Jul 2021