Breaking News

BFA e rutuntsha batshameki ba kgwele ka COVID-19

07 Jul 2021

Lekgotla la Botswana Football Association (BFA) le boloditse letsholo go rutuntsha batshameki ba kgwele ya dinao mo dikgaolong tse di farologanyeng go itshireletsa kgatlhanong le mogare wa corona.

Se se tla morago ga gore metshameko e bulelwe morago ga gore e emisiwe ka kgwedi ya Mopitlo ngogola, e le maiteko a go fokotsa kanamo ya bolwetse jwa COVID-19.

Mo thutuntshong ya ditlhopha tsa kgwele ya dinao tsa bomme le borre mo Tsabong ka Sontaga, Dr Mwamba Nsebula go tswa kwa BFA o thalositse fa mongwe le mongwe a tshwanetse go tsaya boikarabelo gongwe le gongwe fa a leng teng go lwantsha segajaja sa COVID-19.

A re go botlhokwa go lemoga gore ntwa kgatlhanong le bolwetse jwa COVID-19 e ka seke ya kgonwa ke puso e le nosi.

Dr Nsebula a re pele go ka boelwa mabaleng go tshwanetse go tlhomamisiwa gore ditlhopha di tlhaloganya ka botlalo melawana e e tlhomilweng ke ba botsgogo go salwa morago le tsotlhe tse di ka dirwang go laola kanamo ya mogare mo metshamekong ya kgwele ya dinao le setshaba ka kakaretso.

Dr Nsebula a re setlhopha sa kgwele ya dinao se tshwanetse  go tlhopha mongwe yo o tlaa dirang tiro ya go tlhodumela batshameki go ela thoko gore ba diragatsa melawana ya go sireletsa go ka tsenwa ke bolwetse pele ga ba ka tsena mo metshamekong ka go tsaya mogote, go tlhapa diatla le gone go tlhomamisa gore ba nna ba katologane ka nako tsotlhe.

O tsweletse a tlhalosa gore e tlaa re metshameko e simolodisiwa mo nakong e e tlaa bolelwang, go tshamekwe go sena balatedi mo lebaleng.

E re ka jaana COVID-19 e le bolwetse jo bo sa tlhaoleng ope, Dr Nsebula a re motshameki yo o ka fitlhelwang ka dikai tsa corona ga a a tshwanela go tlhakana le ba bangwe, ka jalo o tlaa seegelwa fa thoko go bona ba botsogo.

Dr Nsebula a re e re ka jaana go ise go nne le kalafi ya segajaja sa COVID-19, o rotloetsa batshameki go tsaya mokento o o sireletsang ka nako e e tshwanetseng fa nako ya bone e goroga.

Moitseanape wa tlhaloganyo go tswa kwa kokelong ya Nyangabgwe, Mme Golekanye Morutwa o kgothaditse badiri ba botsogo le boitekanelo go nna ba le malala a laotswe ka dinako tsotlhe le gone go dira tiro ya bone ka bonokopila le ka botshephegi.

O ba gakolotse gore ba tshwanetse go tsaya batshameki ka tekatekanyo, tlotlo le gone gore ba tshwara diphiri tsa ba ba ba thusang.

Mme Morutwa a re go lemotshega gore fale le fale go na le kgethololo ya ba ba amilweng ke bolwetse jwa COVID-19 mme seo ga se a siama ka jaana ba ka felela ba sa tswele mo pontsheng go kopa thuso ya ba botsogo, ka jalo seemo seo, se gakatsa go anama ga mogare wa corona.

A re kgethololo e ka paledisa setshaba go emana nokeng le gone go tshwaragana go lwantsha mogare le puso.

Mme Morutwa a re badiri ba botsogo le boitekanelo ba tshwanetse go dirisana le boeteledipele jwa ditlhopha ka seo se ka thusa go tsaya ditshwetso tse di maleba mabapi le COVID-19 mo ditlhopheng tsa bone.

Modulasetilo wa Tsabong Regional Football Association, Rre Keleeme Bahakgametse o lebogetse thuto e e driwang ke lekgotla la BFA.

A re go tsamaya le dikgaolo ka go farologana go tlaa nonotsha seabe sa bone mo go lwantsheng segajaja sa COVID-19 le gone go fokotsa kanamo ya mogare wa corona.

Rre Bahakgametse a re se se dirwang ke BFA, se fa baeteledipele ba ditlhopha tsa kgwele ya dinao ka go farologana sebaka sa go tsaya boikarabelo jwa go nna le karolo mo diphetogong tse di solofetsweng tse maikaelelo a tsone  e leng go thibela le go nyeletsa bolwetse jwa COVID-19.

A re tshimolodiso le go tswelela ga metshameko go mo maruding a bone BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Thutuntsho

Date : 07 Jul 2021