Mmusi o bolokilwe
07 Jul 2021
Masika, ditsala, badirelapuso le babega dikgang ka go farologana ba ne ba tshologetse phitlho ya mankge wa tsa dikitsiso le kgaso, Rre Bishy Mmusi yo o bolokilweng kwa mabitleng a Phomolong, Phakalane ka Phukwi 7.
Fa a laela mogaka yo, kwa tirelong ya phitlho, morwa wa gagwe, Rre Basha Mmusi o tlhomamisitse fa rraagwe a tlhokafetse morago ga go lwala ka lobaka, a sena go kobugelwa ke bolwetse Herikgong ngogola.
Rre Mmusi o tlhokafetse Seetebosigo a tlhola masome a mabedi le borobabongwe.
Mantswitswidi yo, o tlogela mosadi, bana ba fera bobedi ga mmogo bana ba bana ba le fera bobedi.
Rre Mmusi o tlaa nna a gakologelwa ka kapari ya gagwe e e tumileng kwa ga Mmamosadinyana, Scottish fitted jackets, le letsela la molala, dilo tse a neng a di tshwara ka matsetseleko, a ka seke a batle go bona leswenyana mo go tsone.
Bophepa jo, bo ne bo dira gore a dire dilo ka thulaganyo, go bitsa maina ka fa tshwanelong, selo se bareetsi ba maloba ba seromamowa ba mo gakologelwang ka sone.
Dibui ka go farologana ba supile fa Rre Mmusi e ne e le morutintshi wa popota yo o neng a abelana dikitso tsa gagwe le babega dikgang ba Botswana le ipelang ka bone mo go tsa kgaso. Ends
Source : BOPA
Author : Marvin Motlhabane
Location : Gaborone
Event : Funeral
Date : 07 Jul 2021
Related News
10 Oct 2025
Madziba o itshetsa ka dikiriba
08 Oct 2025
Ba supa fa madi a bagodi a fetotse matshelo
07 Oct 2025
Khansele tsa Lobatse le Bollnas ba etela Kgari
07 Oct 2025
Elang tlhoko diphologolo
07 Oct 2025