Breaking News

Mogodi o akola botswerere jwa kapei

07 Jul 2021

Puo e ya gore thuto ke boswa, ga se kgang ya molomo fela, ka se se bonetseng mo botshelong jwa ga Rre Molebalebedi Rantsiapana.

Ntswa a tlogetse tiro ya tsa kapei ka bogodi, se ga se a ka sa nna phelelo ya botshelo jwa gagwe ka a ithutile tsa kapei kwa Serowe Hotel ka 1968.

Thuto e ya go apaya o ne a e amule mo go rre mongwe wa motswakwa yo le ene a neng a direla gone koo.

Go boeleng kwa Serowe a bona jaanong e le nako ya go dirisa dithuto tse go itshetsa.

Rre Rantsiapana yo o dingwaga tse di masome a a supang le boferabobedi o sa le a ithsupile fa a na le tebelopele, ka gore ka dingwaga tsa a le monana borre ka bontsi ba ne ba sa dumele fa tiro ya go apaya e le ya borre, mme go tsewa gore ke tiro ya bomme.

Motalaote ga a aka a dira jaaka bontsi bo dira, ba e reng ba tlogela tiro ka bogodi ba tsene mo temo-thuong kana ba nna fela ba re ba a itapolosa.

Mo dingwageng tse a leng mo go tsone, senatla se, se tsweletse ka go itirela leina mo go tsa dijo, mme a itebagantse thata le thekiso ya borotho jwa go hupa nama.

Thekiso ya ga Rre Rantsiapana ya borotho jo ke e e pharologanyo ka ga a nne mo lefelong le le lengwe a bo a rekisa mme o tsamaya mafelo a a tshwanang le diofisi tsa maphata ka go farologana le mo bathong ka bongwe ka bongwe a rekisa.

Le ntswa a le motona ka dingwaga, ga a ipone tsapa go tsamaya ka dinao a rekisa go fitlhelela borotho bo fela.

Go rekiseng borotho joo ga go makatse thata ka Rre Rantsiapana o tswa kgakala e le motho yo o ratang kapei e bile e le yone tiro fela e a e dirileng mo botshelong.

Mo potsolosong bosheng, Rre Rantsiapana o ne a tlhalosa fa a dirile mo dioteleng e le moapei mogolo mme a apaya sengwe le sengwe se a lopiwang gore a se apee se tshwana le marotho ka mefuta, dinama tse di farologanyeng, bogobe le dijo tsa merafe e e farologanyeng, selo se a neng a se ithutile kwa Serowe Hotel.

A re ka nako eo Batswana ba le bantsi ba ne ba sa kgatlhegele tsa kapei.

Moapei yo, fa a tswa kwa oteleng ya Serowe o ne a direla kwa oteleng ya Bosele kwa Selebi Phikwe, kwa President Hotel, kwa Botsalo Hotel le kwa Teemane Manufacturing Company mo Serowe go fitlhelela a tlogela tiro ntateng ya bogodi.

Go tlogela tiro ka bogodi ga seka sa mo kgoba marapo ka a ne a ntse a rata tsa kapei.

A re o ne a nna fa fatshe a ikakanya gore o ka tsweledisa lerato la gagwe la kapei jang a ntse a tlogetse tiro mme e ne ya re a santse a ikakanya jalo bangwe, bogolo jang ba mediro e e tshwanang le ya manyalo le meletlo ya matsalo ba nna ba mo kopa go apaya dijo dingwe ba bo ba mo atswa mme seo sa mo kgothatsa fela thata.

Rre Rantsiapana a re fa a se na ba ba mo kopileng go apaya o apaya borotho jo bo nang le nama mme a tsamae mo Serowe go bo rekisa.

O supile fa banni ba Serowe ba bo ratile fela thata ka mo letsatsing o apaya marotho a le masome a mabedi le boferabobedi mme a bo a rekwa otlhe.

A re o rekisa borotho joo ka a lemogile fa e le jone jo a ka bo tsayang motlhofo mme a tsamae ka dinao go tsena mo mafelong ka go farologana a bo rekisa.

O tsweletse a supa fa dijo di batla tikologo e e phepa mme le ene o dira gore fa a apeelang teng le se a se apayang se nne phepa gore yo o se jang a seka a tsenwa ke bolwetse.

Ntswa Rre Rantsiapana a rekisa borotho jo, o tshwenngwa ke seemo sa COVID-19 ka se digile kgwebo e nngwe ya gagwe ya go apeela mediro ka mo malatsing ano mediro e emisitswe.

O ne a rotloetsa ba ba nang le talente go e dirisa gore ba itshetse a ba a supa fa go rekisa borotho go mo thusa ka a sa kope madi thata mo baneng ba gagwe mme gantsi a ituelela dilo di tshwana le tsa diphitlho le go ipeela madi kgwedi le kgwedi. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Serowe

Event : Polelo

Date : 07 Jul 2021