Breaking News

Lekalana la bomme le abela baithuti ba Mahalapye mesangwana

07 Jul 2021

Komiti ya bomme kwa lephateng la tlhokomelo dikago tsa puso la Facility Management  Mahalapye, e abetse baithuti ba basetsana ba sekole sa St. James le se segolwane sa Morale mesangwana ya basetsana.

Komiti eo, e abile mesangwana ka Labobedi kwa Mahalapye.

Dikole tseo ka bobedi, di abetswe mephuthelwana ya mesangwana e le masome a marataro le bosupa sengwe le sengwe.

Mogolwane go tswa kwa lephateng le le tlhokometseng dikago tsa puso, Rre Micca Sefonea a re lephata la bone le ikgaogantse ka dikomiti tse di farologaneyng, maikaelelo e le go thusa fa go nang le letlhoko teng.

A re dikomiti tseo, di dirisa madi a a tswang mo dipateng tsa bone, a supa fa ba eletsa go dira tse dikgolo go feta mo ba setseng ba go dirile.

Modulasetilo wa komiti ya bomme, Mme Diphetogo Tshetho a re ba ne ba ikopanya e le bomme ba lephata leo mo Mahalapye, go bona gore ba ka tsaya karolo efe mo kgodisong ya ngwana wa mosetsana.

A re bomme ke bone thari ya setshaba, ka jalo ke maikarabelo a bone go thusa fa go nang le letlhoko teng.

Mme Tshetho a re maikaelelo a bone ke gore bana ba thusiwe ka mesangwana eo fa ba le mo sekoleng, go itsa go busediwa kwa malwapeng fa ba tsena mo setswalong ba le mo sekoleng.

A re go busediwa kwa malwapeng go dira gore bana ba siiwe ke dithuto.

O supile gape gore go na le malwapa mangwe a a senang bokgoni jwa go rekela ngwana mesangwana eo, mme ngwana a felele a siiwa ke dithuto ka nako ya fa a le mo setswalong. Mokhanselara wa Tshikinyega, Rre Orelebile Baatweng o lebogetse se bomme bao ba se dirileng, a supa fa kgang kgolo e le go tlhabolola motho le tikologo ya gagwe.

Moemedi wa sekole sa Morale, Rre Mmoloki Tseleng o ne a lebogela mpho e ba e filweng, a supa fa seo e ntse e le letlhoko mo sekoleng sa bone ka ba patelesega go busetsa bana kwa malwapeng fa ba le mo setswalong.

Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana kwa St. James, Mme Mpho Montsho a re letlhoko le lentsi mo malwapeng a mangwe, ka jalo go botoka fa sekole se ka kgona go thusa baithuti ba ba tswang mo malwapeng a a tlhokang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Pulamoeng

Location : Mahalapye

Event : Kabo Mesangwana

Date : 07 Jul 2021