Selelo sa badiragatsi se ile magoletsa
06 Jul 2021
Ka badiragatsi ba sa tlhole ba akola mananeo a a itebagantseng le bone fa e sale go tlhagoga bolwetse jwa COVID-19, gongwe ke nako ya gore puso e sekaseke metlhale e e ka ba thusang go ba ntsha mo leshekereng.
Go emisiwa ga maitiso, go fokotswa ga dipalo mo meletlong le go emisiwa ga dikgaisanyo jaaka tsa malatsi a ga Tautona, mo maitekong a go fokotsa kanamo ya mogare go kekeditse seemo se.
Mo potsolotsong le BOPA ka Mosupologo, moeteledipele wa pele wa lekgotla le le okametseng baopedi, (BOMU) Rre Tshenolo Mojaboswa a re ntswa ba sa nna fela ka diatla, ba sa le ba kopile Lephata Tlhabolola Banana, Metshameko le Ngwao gore le ba ba tswe thuso gore ba tswe ka methale e e ka lekang go ba ntsha mo mathateng mme ga gona nko e e tswang lemina.
Rre Mojaboswa yo o kileng ya nna modulasetilo wa lekgotla le wa kgaolo ya legare a re badiragatsi ba mo leshekereng ka ga go na letseno lepe.
A re badiragatsi ba mo kgatelelong ya maikutlo ka ba sa tlhole ba rekisa mmino.
Rre Mojwaboswa a re ntswa ba eletsa go itshetsa ka methale e mengwe jaaka go rekisa dijo le diaparo, ba a retelelwa ka ba sena madi a go simolodisa dikgwebo tse.
A re badiragatsi ba setse ba fetogile merwalo momasikeng a bone ka ga ba na se ba nang le sone le bontsi bo ne bo itebagantse le mmino le kopelo fela.
O tlhalositse fa bontsi jwa bone ba ne ba nna kwa ditoropong ba hirisitse matlo, ka jalo ba felela ba le mo dikolotong ka go palelwa ke go duelwa.
A re ke ka jalo bangwe ba feletse ba boela kwa magaeng, le kwa merakeng, mme se gape se feletse se ba bakela kgatelelo ya maikutlo.
Rre Mojaboswa a re go tlhokafala gore go nne le makalana a go rutuntsha badiragatsi ka go dirisa madi ka bontsi jwa bone ba dira madi mme a ba tswa diatleng ka ga ba a dirise sentle.
“Ke kopa gore puso e thuse badiragatsi ba Botswana go tsaya kopelo ka tlhoafalo jaaka kwa mafatsheng a mangwe, ka tumelo ya gore mmino le kopelo di ka thusa puso go tsosolosa itsholelo,” ga bua Rre Mojwaboswa.
A re bothata jo ba kopanang le jone ke gore ga go na tomagano kana popagano fa gare ga maloko a lekgotla le le okametseng baopedi mme se ke sone se se dirang gore badiragatsi ba lefatshe leno ba seka ba gola kana ba tsewa ka tlhoafalo.
Rre Mojaboswa a re le fa badiragatsi ba wetswe ke seru jalo o ba gakolola gore ba leke go ikgapha mo go nweng bojalwa petelela le go dirisa ditagi mme ba tswe ka methale e e botoka ya go itshetsa ba seka ba ineela mo lehumeng.
A re ba tswelele ka go iteka le gone ba seka ba tlhajwa ke ditlhong go tsenya letsogo gope fela fa ba ka bonang se se ka tsenya letseno ka madi a sa kwalwa gore ke a tiro e e ntseng jang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Segojame Ikgopoleng
Location : PALAPYE
Event : potsolotso
Date : 06 Jul 2021