Breaking News

Mmusi o bolokwa ka Laboraro

05 Jul 2021

Lebutswapele la tsa kgaso, Rre Bishy Mmusi, yo o dirileng ka bokgabane mo seromamoweng sa Botswana o tlaa fitlhwa kwa mabitleng a Phomolong, Phakalane ka moso.

Kwa tirelong ya segopotso sa gagwe, e e neng se tsenwe ke matona a puso a pele, bagolwane ba maphata a Dikitsiso le Kgaso, bobega dikgang, masika le ditsala kwa  Mass Media Complex mo Gaborone maabane, dibui di kaile fa Rre Mmusi e ne e le mmantswitswidi yo o neng a abetswe thata mo go tsa bogasi e bile a na le bokgoni jwa go kanoka tsele le tsele, merero ya tsa selegae le ditlhabololo.

Mo mafokong a gagwe a kgomotso, mookamedi wa pele wa Lephata le Dikitsiso le Kgaso, Dr Margaret Nasha, o ne a kaya fa Rre Mmusi e ne e le mmegadikgang wa tlhwatlhwa, a  dira ka bo-tswa pelo mo thulaganyong ya go kgobokanya dikgang, go di kwala le go di bala.

O ne a supa fa ba ithutile go le gontsi mo go Rre Mmusi, bogolo jang mo go tsa kgaso.

Dr Nasha a re o ne o ka mo akola fa ba le kwa lefelong le ba neng ba rutuntsha bo se-tla boshane mo mererong ya tsa kgaso, jaaka go kgobokanya, go botsa dipotso, go kwala dikgang le go di tlhotlha, selo se a reng Rre Mmusi o ne a se dira ka matsetseleko. 

O tlhalosa fa Rre Mmusi a ne a na le bokgoni jwa go batlisisa mo go tseneletseng e bile a ne a nna a le malala a laotswe mo go tse di diragalang mo tikologong, selo se a supileng fa e le sone mmangmang wa go tsibogelwa ke ba ba begang  dikgang.

Dr Nasha a tlhalosa fa Rre Mmusi a ne a le setswerere, a tlhomamisa gore mafoko a bidiwa le go kwalwa ka fa tshwanelong, bogolo jang mo babading ba dikgang.

A re o tlaa tswelela a gakologelwa dinyao tsa gagwe, ka e bile o ne a seke a tlhoka dikarabo mo go sepe go sa kgathalesege gore se ka tswa se le botlhoko jang.

Mo go la gagwe Kgosi Nkwe Moesi go tswa Tonota o kaile fa Rre Mmusi  e ne e le motho wa dinyao mme e bile a na le kitso e ntsi mo go tsotlhe tse di amanang le bobega dikgang.

Kgosi Moesi o ne a supa  fa  e ne e le sethakga sa puo e bile a ne a na le bokgoni jo bo tseneletseng jwa go ranolela leboko la Setswana kwa sejatlhaping, selo se a supileng e le namane e tona ya tiro mo go ba bantsi. 

Kgosi o kaile ga mo godimo ga dinyao tse, Rre Mmusi a ne a le bonolo, a le lebole ebile a rata batho.

Moswi o supilwe fa a ne a abetswe go buisa batho ba maemo a a farologanyeng mme e bile a le boikobo.

Kgosi Moesi o ne a konela puo ya gagwe ka go boka leboko la Setswana le le tumileng mo morafeng wa ga Mmangwato, le Rre Mmusi a neng a le ranolela mo sejatlhaping, e le Motswana wa ntlha go dira jalo. 

Rre Mmusi o tlhokafetse Seetebosigo a tlhola masome a mabedi le borobabongwe, morago ga go lwala ka lobaka lo loleele. 

O ne a na le dingwaga tse di masome a supa le borataro BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Marvin Motlhabane

Location : Gaborone

Event : Memorial Service

Date : 05 Jul 2021