UCCSA e tshwara segopotso
04 Jul 2021
Setswana se se reng motho o itirela leina a sa le botshelong, se supagetse mo botshelong jwa Tautona wa ntlha wa lefatshe leno, Sir Seretse Khama yo o tsatsankilweng ke dibui ka go farologana lefatshe ka bophara.
Jaaka Batswana ba ne ba ipelela letsatsi la matsalo a ga Sir Seretse Khama bosheng, ba kereke ya Lontone (UCCSA) kwa Serowe ba ne ba seka ba salela kwa morago mme ba dira segopotso sa mogaka yo.
Fa a ne a santse a le mo botshelong o kabo a weditse dingwaga di le lekgolo kgwedi ya Phukwi e tlhola gangwe.
Go bonetse fa Sir Seretse Khama a kgomile dipelo tsa batho ba le bantsi ka ditiro tsa gagwe di sa tswe mo dipelong tsa batho, bogolo jang ba ba tshedileng le ene.
Mogaka yo, go supa fa gape a nnile le seabe le mo go ageng dikereke, maikaelelo e le go tsisa sedumedi mo tshabeng ya ga Mmangwato le go tsenya mowa wa kagiso mo tshabeng ya gagwe ka tumelo ya Sekeresete.
Ba kereke ya UCCSA ba ne ba bona go tshwanela go phuthagana kwa kerekeng ya bone ntswa ba ne ba lekanyeditse palo go sala ditsetlana tsa COVID-19 morago go galaletsa le go itumelela ka fa Sir Seretse Khama a neng a tsholeleditse ditiro tsa Modimo kwa godimo ka teng.
Motiakone wa kereke ya UCCSA Rre Ronald Mojakgomo yo o neng a bua mo boemong jwa kereke ya UCCSA o supile fa Sir Seretse Khama e le mogaka yo o ka sekeng a lebalwa ke ope.
A re tse a di dirileng, bogolo jang mo go letleleleng dikereke go obama, ke seabe se setona se a se diretseng tumelo, bogolo jang ya sekeresete.
Rre Mojakgomo o supile fa UCCSA e agilwe ke Kgosi Khama III ka 1912 mme Sir Seretse Khama a tsweledisa se rraagwemogolo a se dirileng ka le ene a ne a tsena kereke eo.
A re go nna leloko la UCCSA ga ga Sir Seretse Khama go ne ga thusa mo go reng dikereke di aname lefatshe lotlhe ka bophara.
O ne a supa fa a leboga boora Khama ba tshegeditse se Sir Seretse Khama a neng a se dira.
Tautona wa pele Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama o ne a supa fa a itumeletse go bo go tshwerwe segopotso sa ga Sir Seretse Khama kwa kerekeng, bogolo jang ya UCCSA ka e na le ditso dingwe tse di amanang le ene.
A re ntswa Sir Seretse Khama a seyo mo botshelong o tlaa tswelela a ba supetsa tsela.
O ne gape a supa fa Sir Seretse Khama o tlaa tswelela a ntse a gopolwa ka boeteledipele jwa gagwe jo bo fetotseng dilo di le dintsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Serowe
Event : Segopotso
Date : 04 Jul 2021