Breaking News

Brooks o itlama go tsosa thuto

04 Jul 2021

Mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Sam Brooks o solofeditse go golagana le sekole sa Tapologo kwa Werda go bona gore maduo a a tokafala.

Rre Brooks o buile jaana  bosheng fa a ne a buisa bodiredi jwa sekole seo ka maikaelelo a go busetsa serodumo sa sone se a reng se kile ya ne e le sekgantshwane mo Kgalagadi Borwa.

Mopalamente a re go botlhokwa go kanoka modi go tokafatsa maduo. O tlhalositse gore botshelo jwa ngwana bo simologa mo sekoleng, bogolo jang se segolwane.

A re bokete jwa go aga ngwana bo simologa mo sekoleng, ka jalo barutabana ba tshwaragane le namane e tona ya tiro ya go aga ngwana.

“Nako e gorogile gore re bone gore re thusanya jang. Barutabana ba tshwanetse ba itse gore boikarabelo jo bontsi bo mo maruding a bone,” a bua jalo.

A re mo dingwageng tse di fetileng sekole seo se ne se ntsha maduo mme e bile ka nako ya fa a eteletse pele khansele ya Kgalagadi e ne e le sone se dikole tse dingwe di tsayang malebela mo go sone. A re go nna le tikologo e e phepa, e e nang le kgogedi, le ledula gone fela ka bonosi go dira gore sekole se melediwe mathe, ka jalo boeteledipele bo tshwanetse jwa ema ka dinao go tokafatsa dilo tse.

Moemedi wa barutabana Mme Tshepiso Kashiwa o supile fa ba kopana le dikgwetlho tse di ba kgoreletsang go ntsha maduo.

A tlhalosa gore sekole seo se na le bana ba le bantsi mme dikago tsa borutelo le tsa borobalo ga di ba lekane. Ka jalo ba ne ba dira gore bana ba tle ka go faapana gore bana botlhe ba anywe dithuto ka go lekana.

A re Tapologo o tlhoka go tlhabololwa go itepatepanya le dinako tsa segompieno ka ba sena matlwana a boranyane a a lekaneng. Sekole seo gape se na le tlhaelo ya metsi mme baithuti bangwe ba nna kwa sekoleng.

Mme a re motlakase o kgaoga kgapetsakgapetsa mme seo se ame tsamaiso ya sekole, ka jalo a kopa gore go rekwe sefetlha motlakase. Gape a re sekole seo se na le letlhoko le letona la dibuka, ka jalo bana ga ba anywe kitso e e lekaneng.

O boletse gape gore go na le letlhoko la boroko jwa barutabana mme e bile bangwe ba felela ba nna kwa ntle ga motse.

A re bangwe ba nna kwa Bray mme ga go na tsela, ka jalo a kopa gore tsela ya Bray-Werda e dirwe. A re barutabana ba tshwenngwa ke molawana wa phuduso o o ba bayang ka fa mosing, ka ba felela ba nna lobaka mo lefelong le le lengwe.

Ka jalo o ne a kopa gore ba bodiwe pele kwa ba batlang go isiwa teng mme go akanngwe gore ba atumediwe gaufi le magae a bone, bogolo jang fa ba setse ba godile.

Gape a re ba tshwenngwa ke gore go tsaya lobaka lo loleele gore ba tlhatlosiwe maemo mme seo se kgoba marapo.

Moemedi wa barutabana o ngongoregetse gore go ne ga nna le khamphani  nngwe e e neng ya hirwa go baakanya sekole mme e rile e sena go tsamaya ya nna o kare ba sentse go na le go baakanya.

O ne a supa gore ba na le bothata jwa gore batsadi ga ba bonale mo dithutong tsa bana BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Werda

Event : Puisano

Date : 04 Jul 2021