Dibui di galaletsa Sir Seretse Khama
04 Jul 2021
Go le gantsi batho go na le ka fa ba gopolang motho ka teng, bogolo jang fa a ne a le gaufi le dipelo tsa bone.
Ka jalo segopotso sa ngwaga le ngwaga sa letsatsi la matsalo a ga tautona wa ntlha wa Botswana Sir Seretse Khama se se neng se tshwerwe Phukwi e rogwa kwa kgotleng kgolo ya ga Mmangwato e ne e le sesupo sa go tsweledisa loeto lwa go mo gopola ka e bile a ka bo a ne a digela dingwaga tse lekgolo monongwaga.
Segopotso se, se ne se akaretsa tirelo ya kereke ke ba lelwapa loora Khama go gopola rraabone mme la wediwa ka go bewa ga dithunya kwa sehikantsweng sa gagwe kwa mabitleng a bogosi.
Botlhe ba ba tshedileng le Sir Seretse Khama ba buile ba sa kgwe mathe ka fa a neng a le lorato le bonolo ka teng.
Ba boletse fa e ne e le motho yo o boikobo, e bile a rata dilo tse di direlwang mo pontsheng ka boammaaruri.
Rre Botsweletse Sebele, yo o dirileng mo pusong ka nako ya fa Sir Seretse Khama a le mo setilong, o kaile fa tautona wa ntlha a ne a nna le seabe se setona mo go direng molao-motheo wa Botswana o gompieno lefatshe leno le o dirisang go tsamaisa puso ya batho ka batho.
Rre Sebele a re tautona wa pele o ne a tlotlile morero, e bile a sa itsape go tsamaya le lefatshe la Botswana kgapetsakgapetsa go lekola Batswana le go ba rerisa ka dikgang tse di farologanyeng.
A re Sir Seretse Khama o ne a sa bee semorafe sebete, a tsaya batho ka tekatekanyo e bile a eletsa Batswana botlhe ba ka dira jalo.
Rre Joseph Legwaila, yo le ene a berekileng thata le tautona wa pele e bile a kile a nna moemedi wa Botswana kwa ntle, o boletse fa Sir Seretse Khama yo o busitseng sebaka sa dingwaga tse di lesome le bone a lerile kagiso le thitibalo mo Botswana le mo kgaolong ya borwa jwa Afrika.
Rre Legwaila o boletse fa botlhale le tebelopele ya ga Sir Seretse Khama e ne ya tlhomamisa gore di-tswa mmung tse di neng tsa bonwa mo Botswana di ungwela mosola Batswana botlhe e seng fela ba dikgaolo tse di bonweng mo go tsone.
A re seo se ne sa tlhotlheletsa mosepele wa ditlhabololo wa lefatshe leno, segolo jang ka le ne le santse le tlhaela thata ka le ne le tseetse boipuso mo lehumeng le legolo.
O kaile fa madi a di-tswa mmung a ne a kgaoganngwa ditiro tsa ditlhabololo lefatshe ka bophara ka tekatekanyo go sa gogelwe kobo ntlha epe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Serowe
Event : Segopotso
Date : 04 Jul 2021