Breaking News

Mokhanselara Motoroko o bolokilwe ka Matlhatso

04 Jul 2021

Dibui ka go farologana di kaile fa mokhanselara wa Lentsweletau Bophirima, Rre Botokanyana Motoroko e ne e le lepolotiki la motia, senatla e bile a ne a rata go direla batlhophi ba gagwe.

Rre Motoroko yo e neng e le leloko la Botswana Democratic Party (BDP) o ne a tlhalosiwa fa a ne a beile dikeletso tsa kgaolo ya gagwe ya botlhophi kwa pele mo go tsotlhe.

Ba buile jaana kwa phitlhong ya ga Rre Motoroko kwa Lentsweletau ka Matlhatso.

O tlhokafetse Seetebosigo a tlhola malatsi a le masome mabedi le boferabongwe morago ga go lwala ka lebaka le lekhutshwane. 

Mothusa Tautona Slumber Tsogwane mo boemong jwa ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi, khuduthamaga le maloko a Domkrag  o ne a romela molaetsa wa matshediso go ba lelwapa.

Mothusa Tautona o ne a re boora Motoroko ba gomotsege le gone go tshepha Modimo mo nakong e e thata e.

A re Rre Motoroko e ne e le leloko la motia la Domkrag. 

Rre Tsogwane o supile gape fa moswi a dirile mo kgaolong ya Kweneng Botlhaba e le modulasetilo wa kgaolo dingwaga di le mmalwa.

O bile a leboga thata lelwapa loora Motoroko ka seabe se segolo se Rre Motoroko a se diretseng setshaba le mo ditirong tsa gagwe tsa phathi.

Tona wa lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Eric Molale le ene o rometse molaetsa wa matshediso o mo go one a kayang fa Rre Motoroko a diretseng setshaba ka bonatla, boineelo le maatlametlo go fitlhelela a hulara.

A re e ne e le motho yo o tlhaga, a ole mowa e bile a le lorato mo bathong,  mo botshelong jwa gagwe jwa sepolotiki le go aga setshaba.

O ne a supa fa Rre Motoroko a diretse setshaba sa Lentsweletau ka boineelo le bo-tswa pelo dingwaga di le lesome le borataro. 

A re o tlaa gakologelwa ka bonatla jwa gagwe mo tirong ya go tlhabolola lefatshe leno ga mmogo le kgaolo ya Kweneng e le Mokhanselara.

Mo molaetseng wa gagwe, mokwaledi mogolo wa phati ya Domkrag, Rre Mpho Balopi le ene o mo kaile e ne e le leloko la motia la phathi ya Domkrag, e le lesole la phathi e bile a ikemiseditse go direla phathi ka boineelo le bo-tswa pelo.

Rre Balopi a re mo dinakong tsotlhe tse ba mo itsileng ka tsone, e ne e le motho yo o boammaaruri mme e bile a ikemiseditse go thusa phathi ka tsotlhe tsa gagwe.

Mopalamente wa Mmopane/Lentsweletau e bile gape e le mothusa tona wa Thuto go tswa kwa Moding Mme Nnaniki Makwinja le ene o supile fa go hulara ga ga Rre Motoroko e le tatlhegelo e kgolo mo kgaolong ya Lentsweletau.

 O supile fa e ne e le mongwe wa makhanselara a a neng a ikaegile ka one. 

A re pele ga a tlaa tlhagogelwa ke bolwetse, ba ne ba setse ba simolodisa lenaneo la go lema setlhare sa moringa mme ba solofela fa mogopolo o, o tlaa inola batho ba kgaolo ya bone mo lehumeng.

Modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Rre Motlhophi Leo o iteetse kobo moroko mafoko a dibui fa a ne a bua ka botshelo jwa ga Rre Motoroko kwa segopotsong sa botshelo jwa gagwe mo tirong e e neng e rulagantswe ke khansele ya Kweneng mo Molepolole ka Labotlhano.

Rre Leo o supile fa Rre Motoroko a nnile le seabe se segolo mo ditlhabololong tsa kgaolo ya Kweneng ka kakaretso go tloga mo ngwageng wa 2009 fa a ne a eteletse khansele pele, Rre Motoroko ene e le mongwe wa ba ba mo tlhatlhamang.

Dingwe tsa ditlhabololo tsa sennelaruri tse a nnileng le seabe mo go tsone ke go simolodisiwa ga khansele-potlana ya Molepolole/Lentsweletau le ya Mogoditshane/Thamaga ka 2009.

Dingwe tsa ditlhabololo ke go nna teng ga lekalana la setimamolelo le ditirelo dingwe tsa khansele tse di neng tsa simolodisiwa kwa marekisetsong a Mafenyatlala ga mmogo le mapalemelo a dibese.

Fela jaaka dibui tse dingwe, o mo kaile e ne e le motho yo o senatla mme e bile gape a le dinyao.

Rre Motoroko o tsene mo khanseleng ka 2004 e le mokhanselara wa Lentsweletau Bophirima.

E ne ya re ka 2014 a tlhophiwa go etelela pele khansele-potlana ya Molepolole/Lentsweletau go fitlhelela ka 2019.

O tlhokafala jaana e le motlhokomedi wa Domkrag mo khanseleng ya Kweneng.

Rre Motoroko o diretse setshaba mo ditirong tse di farologaneng jaaka go agela ba ba tlhokileng lesego.

O nnile modulasetilo wa dikomiti ka go farologana mo kgaolong le mo motseng.

O tlhokafala a le dingwaga tse di masome matlhano le boferabobedi.

O dirile e le Mokgweetsi mo lephateng la Temo-Thuo pele ga a tsena mo dipolotiking.

Rre Motoroko o tlogela mmaagwe, mosadi le bana ba le barataro. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : Lentsweletau

Event : Phitlho

Date : 04 Jul 2021