Breaking News

Lekgotla la ditsheko tsa pereko le thusa malwapa

04 Jul 2021

Batswana ba kgothaditswe go direla setshaba ka seo se tsamaelana le mananeo a puso a maikaelelo a one e leng gore bodiredi jwa puso bo thuse ba ba dikobo dikhutshwane.

Mothusa mokwaledi wa lekgotla la ditsheko tsa pereko, Rre Bakang Tshipinare o buile jaana jaaka bodiredi jwa gagwe bo ne bo abela malwapa a mabedi dimpho kwa Ramotlabaki bosheng.

Lelwapa la ntlha loora Letsholo, le thusitswe ka dipaakanyo tsa ntlo morago ga go senngwa ke pula ya matlakadibe, fa lelwapa la bobedi loora Ratiro le ne le na le letlhoko la pompo ya metsi.

A re se se tsamaelana le pilara ya Vision 2036 e e rotloetsang gore mongwe le mongwe a nne le ditshono le dikatlego ka go lekalekana go sa tlogelwe ope kwa morago.

Rre Tshipinare a re ba dirisitse pilara e go thusa malwapa a mabedi a, a tlatsa ka go re se se kgonagetse ka maitlamo le lerato la bangwe ka bone.

A re dimpho tse go tswa mo bodireding jwa lekgotla la ditsheko tsa pereko di tsosolositse seriti le serodumo sa malwapa oo mabedi.

O tladitse ka go re ke tsholofelo ya bone gore ditlamelo tse di tlhokomelwe gore ba ba di abelwang ba nne le botshelo jo bo botoka.

Fa a tswa la gagwe, mmaboipelego kwa metseng ya Ramotlabaki le Oliphant’s Drift, Mme Gabotlotlwe Molebatsi o lebogetse dithuso a re di tlaa tsosa serodumo sa ba ba neng ba wetswe ke seru.

A re go a lebosega go lemoga fa khansele e na le ba ba ka e tswang letsogo fa e tlhaelang teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Sandra Sethaiso

Location : Ramotlabaki

Event : Kabo dimpho

Date : 04 Jul 2021