Breaking News

Bogodu jwa loruo ga bo jese mapodisi diwelang

03 Jul 2021

Mapodisi a Werda ga ba jesiwe diwelang ke bogodu jwa leruo bogolo jang jwa dihutshane jo bo tsweletseng ka go kekela mo kgaolong ya bone.

Mo Potsolosong le ba BOPA ka Labotlhano, mookamela mapodisi a Werda Superintendent Mompoloki Ramatsia o ne a tlhalosa fa go simologa ngwaga ono go fitlha mo nakong ya gompieno ba setse ba gatisitse dikgetsi di le 91 tsa dihutshane le tse pedi tsa dikgomo tse di tlodisitsweng go tswa mo Botswana go ya Afrika Borwa le di le lesome go tswa Afrika Borwa go tsena mono.

Superintendent Ramatsia tlhalositse fa ba tshegeditse banna ba le babedi mabapi le go tlodisa leruo go tswa kwa Afrika Borwa go tla mo Botswana.

O boletse fa mongwe a ne a loma mapodisi tsebe fa go na le dikgomo tse go belaesegang e le tsa bogodu ebile di tlhatlhetswe mo masimong mangwe, a re ba ne ba ragogela teng mme ba di fitlhela.  

Ramapodisi o ne a tswelela ka go tlhalosa fa go belaesega fa babelaelwa bao, ba ba dingwaga tse di masome a mararo le masome a mane le boferabobedi, ba utswile dikgomo di le lesome kwa lefatsheng la Afrika Borwa mme ba di tlodisetsa mo Botswana.

Mookamela mapodisi o boletse fa mong wa dikgomo tseo yo e leng morui wa motho mosweu kwa Afrika Borwa a netefaditse fa e le tsa gagwe fa ditlhotlhomiso tsone di sa ntse di tsweletse.

Superintendent Ramatsia o boletse fa ba belaelwa bao ba ne ba le batlhano ka palo mme ba le bararo ba tsene ka lenga la seloko mme botlhe ba tlholega kwa motseng wa Draaihoek.

A re banna bao fa ba ka bonwa molato wa go tlodisa dithoto go tswa kwa lefatsheng le sele mme ba ka atlholwa dingwaga tse di sa feteng dingwaga tse tlhano mo kgolegelong.

O boletse fa kgang e ba e tshwaraganetse le ba ofisi ya matlhoko a leruo le ba Botswana Unified Revenue Services.

O ne a supa fa go tlodisa leruo go le borai ka go ka anamisa malwetse a leruo go tswa lefatsheng le sele go tsena mo go le lengwe selo se a se tlhalositseng e ka nna poelo morago ka leruo e le mokwatla wa itsholelo mo lefatsheng leno.

Superintendent Ramatsia kopile Batswana go tswelela ba tshwaraganye le mapodisi go lwantsha borukutlhi ka jaana kgetsi ya tsie e kgonwa ke tshwaraganelwa. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Ka Cathrine Simane

Location : Werda

Event : Potsolotso

Date : 03 Jul 2021