Bogogi bo lela ka letlhoko la boroko
01 Jul 2021
Go tlhakanela matlo ga barutabana mo go bakwang le letlhoko la boroko go borai mo nakong ya bolwetse jwa COVID- 19.
Bogogi jwa lekgotla la Botswana Teachers Union kwa kgaolong ya Nhabe jwa re seemo se, se tlhoka go potlakelwa, bogolo jang ka maloko a bone a patelesega go tlhakanela matlo le fa bangwe ba ka tshwarwa ka mogare.
Ba re letlhoko le, le patika le banyalani go tlhakanela matlo le ba ba sa nyalang.
Ba re kgang eo e tswa kgakala ba lela ka yone mme go se nko e tswang lemina.
Ba ikuetse jalo mo go molapamente wa Maun Botlhaba, Rre Goretetse Kekgonegile yo o neng a na le bokopano le bogogi jwa lekgotla ka Labobedi kwa Maun.
Bogogi bo supile fa seemo sa boroko se ngomola pelo.
Mongwe wa bogogi, Rre Gaolaolwe Seisa yo o emetseng ba dikole tse dikgolwane o boletse fa e le selelo le khuranyo ya meno kwa sekoleng se segolwane sa Maun, a supa fa seemo se se befisitswe ke COVID-19.
A re barutbana ga ba nne sentle, bogolo jang fa bangwe ba tshwerwe ka bolwetse jwa COVID-19 ka gore go thata gore ba ka iphapha.
O boletse fa sekole se sena phapose e e ka amogelang ba ba amilweng ke corona, a supa fa ba nnile le dikgang di le tharo tse ba neng ba emaema fela ba sena tharabololo.
Rre Seisa a re go agwa ga hotele ya dithuto tsa bojanala go gakaditse tlhaelo ya boroko ka jaana kago eo e sena matlo a boroko.
O ne gape a kopa puso go tsibogela go kenta barutabana, a supa fa ba tshelela mo letshogong ka jaana ba setse ba latlhegetswe ke bangwe ka bone ka ntlha ya segajaja.
O ne a kopa gape lephata la Thuto go tswa kwa Moding go tsibogela selelo sa bone, a supa jaaka ka 2018 ba ne ba kopa mokwaledi wa lephata go ba thusa go dupa dibuka tsa sekole ka jaana se nnile dingwaga dibuka di sa dupiwe.
Rre Seisa a re ba santse ba emetse phetolo go tswa kwa lephateng ka jaana tiro eo e ne ya dirwa.
Rre Matlhogonolo Mathaio yo o emetseng dikole tse dikgolwane mo lekgotleng, o ne a iteela kobo moroko, a supa fa go na le matshwenyego a matsi a a tlhokang tharabololo mo dikgannyeng tsa thuto.
A re ba kile ba kopa gore dithuto tsa bojanala le meepo di simolodiswe kwa Maun Technical College ba lebile gore matshelo a batho ba Nhabe a ikaegile ka bojanala e bile ba gaufi le meepo.
A re sekole sa tiro ya diatla sa Shakawe se kile sa bo se na le dithuto tsa thuo ya ditlhapi le go dira mekoro mme di emisitswe, ka jalo a kopa gore di busediwe.
O ne a tlatsa ka go re go tshwara ditlhapi ke motswedi mongwe wa go itshetsa mo Nhabe.
Rre Mathaio o ne a kopa mopalamente go ba etela kwa sekoleng sa bone gore a kgone go itseela ka tsebe dikgwetlho tse di lebanyeng sekole sa maun Technical College.
Mogolwane wa dikgang tsa bong le ditshwanelo tsa batho kwa BTU, Rre Max Ndolo o ne a bolela fa ba tshwaraganye le namane e tona ya go lwantsa dikgang tsa kgokgontsho ya bong mo dikoleng.
A re ba tshwenngwa ke dikgang tsa dintwa tsa baithuti le barutabana le tiriso ya mafoko a a sa amogelesengeng, a tlatsa ka go re ba itemogetse fa bontsi jwa barutabana ba sa bege dikgang tsa kgokgontsho mo dikoleng.
Rre Ndolo o kopile mopalamente go itshwaraganya le lekgotla fa a tshwara diphuthego gore ba kgone go gasa melaetsa ya go lwantsha kgokgontsho. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Maun
Event : Bokopano
Date : 01 Jul 2021