Mokhanselara Mokgolele o bolokilwe
01 Jul 2021
Mokhanselara wa Motokwe, Mokhanselara wa kgaolwana ya Motokwe, Rre Mokgweetsi Mokgolele o bolokilwe mo mosong wa Labone.
Rre Mokgolele o tlhokafetse bosheng morago ga go lwala ka bokhutshwane.
Tona ya dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Eric Molale mo molaetseng wa matshediso o o neng o balwa ke mokwaledi wa khansele ya Kweneng, Rre Goleba Kgari, o ne a supa fa e le maswabi go tlogelwa ke motsadi ebile e le moeteledipele wa kgaolwana ya botlhophi ya Motokwe, Tsetseng, Tshwaane le Khekhenye.
O tlhalositse fa a tla a gakologelwa Rre Mokgelele ka seabe sa gagwe sa go tlhabolola lefatshe la Botswana, a supa fa e ne e le motho yo o tlhaga, bonolo a wetse mowa ebile a le lerato mo bathong.
O ne a supa gape fa Rre Mokgolele a diretse lefatshe leno go le gontsi mme a tlaa gakologelwa ka bonatla jwa gagwe le botswerere.
Mo go la gagwe, malomagwe, Rre Julius Lekgobero o ne a supa fa motlogolo wa gagwe a ne a didimetse thata ebile a le bonolo mo bathong, a supa fa a tlhokafala jaana ba ne ba tswa go mmatlela mosadi ngwaga ono o simologa.
Rre Lekgobero o tlhalositse fa a ise a ke a bilediwe Rre Mokgolele ka ntlha ya botlhokatsebe, a bo a supa fa ba latlhegetswe fela thata.
Rre Mokgolele e ne e le ngwana wa ga Rre Tlhaloganyo Lekgobero le Mme Galefele Lekgobero. O tshotswe ka ngwaga wa 1973 ka kgwedi ya Mopitlo e tlhola ga raro (03-03-1973) kwa kgotleng ya Gapanyana kwa Motokwe.
O ne a simolotse dithuto tsa gagwe tse dipotlana kwa Motokwe ka ngwaga wa 1980-1986, a ya go dira tse dikgolwane kwa Matsha College ka ngwaga wa 1987-1988 mme morago a ya go tsweledisa kwa Kgari Sechele kwa Molepolole ka ngwaga wa 1989-1991.
Erile ka ngwaga wa 1992 a ya Tirelo Sechaba, mme a thapiwa kwa Poso House ka ngwaga wa 1994-2001 fa a fudusediwa kwa Kang.
O bereketse kwa posong ya Hukuntsi a bo a fudusediwa kwa Gaborone kwa Main Mall kwa a neng a tlogela tiro teng ka ngwaga wa 2008.
O ne a inaakanya le dipolotiki ka fa tlase ga phathi ya Domkrag mme a tlhophiwa go nna mokhanselara wa phathi eo ka ngwaga wa 2019.
O tlogela mmaagwe, mosadi le bana ba le batlhano e le basimane ba bararo le basetsana ba babedi, mogolowe wa monna le bomonnawe ba le bararo, monna le basadi ba babedi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Motokwe
Event : Phitlho
Date : 01 Jul 2021