Breaking News

Makhanselara ga ba itumelele tsamaiso

01 Jul 2021

Tsamaiso ya ba Lephata La Botsogo le Boitekanelo ya gore koloi ya kokelo e seka ya tsaya motho yo o belaesegang a tlhokafaletse mo lwapeng go ya go rurifadiwa ke ba bongaka kwa kokelong e tshwenya bogogi. 

Matshwenyego a a builwe ke makhanselara a kgaolo ya Legare kwa bokopanong jwa khansele jo bo neng bo tshwerwe ka maranyane a ditlhaeletsanyo bosheng, ba re kgang eo e a gakgamatsa ka koloi ya kokelo e a bo e kopiwa mabaka e le go isa motho yo o kopelwang thuso yoo kwa kokelong go rurifatsa gore a o tlhokafetse kana jang.

Makhanselara ba re ba Lephata La Botsogo le Boitekanelo mo kgaolong ya bone ba tshwanetse ba tseye motho yo ba mmileditsweng yoo go ya kokelong fela jaaka yo o tshelang ka go a bo go ise go rurifadiwe fa a tlhokafetse.

Makhanselara ka bontsi ba ne ba supa fa go le makgetho a le mantsi ba kopa thuso ya gore koloi ya kokelo e tle go tsaya mongwe yo go belaesegang a tlhokafaletse mo lwapeng mme mo malatsing a mangwe e felela e boa kana e sa tle kgang e le gore ga e pege moswi.

Ba re kgang e e baya bangwe ka fa mosing, bogolo jang ba ba nang le letlhoko mme ba sa kwadisiwa kwa go ba boipelego ka ba a bo ba sena sepalamo se ba ka isang wa ga bone kokelong ka sone.

Makhanselara ba ne ba supa fa kgang e e sa ba jese diwelang ka e felela e nna mokgweleo wa bone e le baemedi ba dikgaolwana tsa botlhophi ka ba felela ba tlamega go tsaya motho yo go belaelwang a tlhokafetse yoo go mo isa kokelong. 

Mokhanselara wa Malatswae, Rre Bernard Kenosi o ne a supa fa kgang e e tshwenya, bogolo jang kwa mafelong a a kgakala a tshwana le a dipolasi kana metse e e senang ditlamelo sentle.

A re kgang ya gore koloi ya kokelo ga e tseye moswi ga e itumedise, ka jalo go felela go dira gore bangwe fa ba kopa thuso ya koloi ya kokelo ba felele ba sa bue boammaaruri gore ba bone thuso.  

Mokhanselara wa Mahalapye Bophirima, Rre Khumo Motonto o ne a supa fa a kile a itemogela seemo sa gore koloi ya kokelo e boe ntleng le gore e tseye motho yo a neng a belaesega a tlhokafetse.

A re seo se baya makhanselara mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetsi, bogolo jang mo nakong ya segajaja sa COVID-19 ka e le bone gantsi ba kopiwang thuso ya go tsaya moswi kwa lwapeng ba mo isa kokelong.

Le fa go ntse jalo, molaodi wa Legare, Rre Rapetse Mathumo o ne a kopa makhansela go mo fa sebaka sa go buisanya le ba Lephata la Botsogo le Boitekanelo mo kgaolong ya Legare. 

O ne a solofetsa makhanselara fa a tlaa ba busetsa karabo e e tsepameng.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Serowe

Event : Bokopano jwa Khansele

Date : 01 Jul 2021