Breaking News

Furnmart e abela sekole ditilo

01 Jul 2021

Khamphane ya Furnmart e abetse sekole se sebotlana sa Omaweneno mo Kgalagadi Borwa ditilo di le masome a marataro.

Se se tla morago ga kopo ya komiti ya batsadi le barutabana (PTA) ya sekole seo bosheng.

Mo potsolotsong, moeteledipele wa khamphane eo mo Tsabong, Rre Oduetse Masaka o ne a tlhalosa fa ba ne ba amogela kopo go tswa mo go mogokgo wa Omaweneno mme ba thulanya ditlhogo le badiri ba dumalana go  ntsha mo dikgwatlheng tsa bone go reka ditilo di le lesome.

Rre Masaka a re ntswa ba ne ba kopile palo eo, o ne a bona fa go sa lekana mme a kopa kwa ofising kgolo kwa Gaborone mme ba ba okeletsa ka ditilo di le masome matlhano go nna masome marataro.

O ne a tlhalosa gape fa ba ne ba bona go le botlhokwa go abela sekole seo ka ba tswa kgakala e le maitlamo a bone go abela setshaba se ba direlang mo go sone ka go kopanya diatla go tswa mo mading a dikamogelo tsa bone.

A re ba ne ba bona go le maleba go aba mo nakong eno ya segajaja sa COVID-19 se se apesitseng lefatshe kobo ka letshoba ka puso e ka seke e kgone e le nosi, bogolo jang mo go tse di amang lephata la thuto ka bana e le bone babusi ba ka moso.

Rre Masaka o boletse fa ba tswa kgakala ba tshwaraganye le boeteledipele mo kgaolong eo ka ba dirile go le gontsi ka go abela dikole tse di farologanyeng mo kgaolong eo le setshaba ka kakaretso fa ba kgonang teng.

Mogokgo Sophie Mathiba o ne a tlhalosa fa ba ne ba kopa dithuso tsa ditilo mo madirelong a a farologanyeng mme ka lesego ba Furnmart ba potlakela go araba selelo sa bone.

Mme Mathiba o ne a leboga khamphane eo, a supa fa ditilo tseo di tlaa thusa bana go bala mo motlobong wa dibuka mme seo se tokofatse maduo. 

O ne a supa fa sekole seo se dirile sentle mo maduong a lekwalo la bosupa ka 2019 ka ba pasitse ka 71.4 per cent.

A re maduo a ne a tokafala mo ngwageng wa 2020 go nna 78.9 per cent le ntswa baithuti ba ne ba kgoreletsega ka nako ya kiletso mesepele. 

Le fa go ntse jalo, a re ba solofetse go tsholeletsa leina la sekole sa bone kwa godimo monongwaga.

Mo letsatsing leo la kabo ya ditilo, ba PTA ba ne abela ngwana mongwe mo sekoleng seo dijo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Omaweneno

Event : Potsolotso

Date : 01 Jul 2021