Ba ga Mmangwato ba gopola Seretse
29 Jun 2021
Go tlaa bo go o sha legong go sala molora Phukwi a rogwa jaaka Batswana ba tlaa bo ba ipelela matsalo a Tautona wa lefatshe leno wa ntlha Sir Seretse Khama.
E re le mororo letsatsi le, le ketekwa ngwaga le ngwaga, moletlo wa mono ngwaga o solofetswe go nna oo pharologanyo, bogolo jang ka fa a ne a sale botshelong, Sir Seretse o ka bo a wetsa dingwaga tse di lekgolo. Moletlo o tlaa tshwarwa kwa kgotleng kgolo ya Ga Mmangwato.
Tiro e, e gaufi thata le dipelo tsa morafe wa Bangwato, segolo bogolo banni ba motse wa Serowe kwa Sir Seretse a neng a tlholega teng.
Mono-ngwaga mokgatlho wa Sir Seretse Khama Commemoration Association, o o di gogang kwa tlhogong go rulaganyetsa letsatsi le, o itumile molomo wa tlase go bona gore sengwe se a dirwa le ntswa melawana ya thibelo kanamo ya mogare wa COVID-19 e fetotse ka fa ba neng ba eleditse go tsamaisa tiro letsatsi le ka teng.
Mo potsolotsong le BOPA bosheng, modulasetilo wa lekgotla le Rre Chimbidzani Chimidza o supile fa keletso ya bone e ne e le go bona letsatsi le le ipelelwa mo go faphegileng, go fa mogaka yo tlotla e e maleba, ka a nnile le seabe segolo mo go direng se lefatshe le, le leng sone.
A re bolwetse jwa COVID-19 bo phirimisitse toro ya bone ya go tshegetsa moletlo o motona go gopola mongwe wa bathei ba popota ba lefatshe la Botswana.
Ntswa le fa gole jalo, Rre Chimidza o boletse fa ba tlaa tshegetsa moletlo o mmotlana ka ntlha ya kiletso kokoano tka dipalo tse dintsi, a re ke ka jalo ba tlaa ngotlang le palo ya balalediwa ba tlotla.
A re keletso ke gore Tautona Dr Mokgweetsi Masisi, mothusa-tautona Rre Slumber Tsogwane, molaola-dipuisano tsa palamente Rre Phandu Skelemani, modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi Kgosi Puso Gaborone, moeteledipele wa diphathi tsa kganetso Rre Dumelang Saleshando ga mmogo le bangwe ba matona a puso ba nne teng mo tirong eo.
A re e re le jaana kwa kgotleng-kgolo go tlaa letlelelwa batho ba le masome matlhano, mokgatlho wa bone o dirile thulaganyo ya gore morafe le Batswana ka kakaretso ba lebelele tiro ya letsatsi mo maranyaneng a Facebook kwa e tlaa bong e gasiwa teng ka tlhamalalo.
Ditiragalo tsa letsatsi leo go ya ka modulasetilo wa lekgotla di tlaa bo di akaretsa melaetsa go tswa mo dibuing tse di farologanyeng di gogwa kwa tlhogong ke Tautona Dr Masisi.
Go tlaa supiwa dikgatiso tsa badiragatsi ba ba farologanyeng ka letsatsi leo, Rre Chimidza o supile fa go tlaa nna teng setlhopha fela se le sengwe se se tlaa natetshang letsatsi kwa kgotleng ga mmogo le baboki ba le babedi.
A re tiro ya letsatsi, e e tlaa tsayang oura tse pedi, e tlaa wediwa ka go baya dithunya fa sehikantsweng sa ga Sir Seretse le kwa mabitleng a bogosi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Potsolotso
Date : 29 Jun 2021