Mapodisi a lela ka ba ba itlhokomolosang ditaelo
29 Jun 2021
Mookamela mapodisi a Masunga, Superintendent Gaolatlhe Ngayaya a re ba tshwenngwa ke batho ba ba tsweletseng ka go itlhokomolosa ditaelo tse di tlhomilweng go leka go lwantsha kanamo ya mogare wa corona.
Mo puisanyong le BOPA bosheng, Supt Ngayaya a re bangwe ba santse ba itira bo tsebe se utlwe, ka jaana ba tsweletse ka go inaakanya le mekgwa e e leng kgatlhanong le melawana ya go lwantsha bolwetse jo.
Fa a itebaganya le diphetogo tsa bosheng tsa go emisiwa go ikwala maina mo makalaneng mangwe, Mme Ngayaya a re go botlhokwa gore batho ba tlhaloganye fa seo se sa ame manyalo le dikereke.
A re kwa manyalong le dikereke, batho ba tlamega go tswelela ba kwala maina le go amogela palo e e letleletsweng ya batho, mo dioureng tse pedi.
O supile fa bosheng jaana, ba ngwe ba tlhokike go obamela nako kwa modirong wa go ntshiwa ga magadi kwa Mapoka, mme lelwapa leo la lefisiwa P1 000.
Go ntse go le foo, Mme Ngayaya o boletse fa bangwe ba inaakantse le thekiso ya bojalwa le go kokoana mo go seng ka fa molaong, fa bangwe ba sa tseye tsia taelo ya go rwala dibipa molomo le dinko le gone go di rwala ka fa tshwanelong tota.
A re ba sa tswa go tshwara le go lefisa mongwe moagi wa Masunga P2 000 le go gapa majalwa a le makgolo a mabedi le masome a fera bongwe, morago ga go fitlhelwa a rekisetsa bojalwa mo lwapeng.
E ntse e le mo Masunga, magareng ga kgwedi eno e le lesome le borataro le e le masome mabedi le boraro, batho ba le lesome le botlhano ba ne ba lefisiwa P500 mongwe le mongwe wa bone, ba sena go lebisiwa molato wa go kgobokana e se ka fa molaong.
Mo dikgannyeng tse dingwe tsa go itlhokomolosa melawana ya COVID-19, Mookamela mapodisi o boletse fa beke le beke ba gatisa ditiragalo di feta botlhano mo kgaolong ya bone, tebang le batho ba ba ikgatholosang dinako tse di beilweng tsa kiletso mesepele.
Mme Ngayaya o ne a kgala thata mokgwa wa bangwe wa go tsamaya ba sa rwala dipipa molomo le dinko, mme boemong jwa moo ba di tsentse mo dikgwatlheng.
A re ka tshwanelo fa motho a tswa ka kgoro ya lelwapa, o tshwanetse go bo a e rwele ka go na le kgonagalo ya gore a kopane le mongwe go ise go ye kae. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Masunga
Event : Potsolotso
Date : 29 Jun 2021