Breaking News

Dipolase di jelwe ke molelo

29 Jun 2021

Dipolase tsa kgwediso ka seatla le ya dipatlisiso kwa Good Hope di jelwe ke molelo ka Tshipi.

Badiri bangwe ba dipolase tseo, ba re e ne ya re ka Tshipi mo motshegareng, ba bona kgabo ya molelo o ba sa itseng gore o ka tswa o kukeditswe ke eng.

Ba re ba belaela bangwe ba ba a tleng ba utswe dikgong mo dipolaseng tseo ka jaana ba bone motlhala wa kara ya ditonki le dibetlela tse disha.

Fa a bua mo potsolotsong, mookamedi wa polase ya dipatlisiso, Mme Ketseemang Safi yo o neng a na le bogogi jwa kgaolo ba lekola tshenyo ya molelo, o bolela fa molelo o dirile tshenyo e tona ka gore o tshubile naga e ba ruetseng dipoo le dihutshane mo go yone, ga mmogo le mapako a a ageletseng.

O tlhalositse gore polase eo ya diekere di feta dikete tse pedi, e kgaogantswe ka dikarolo di le lesome le bongwe, mme mo palong eo, tse thataro tlhaga ya tsone e shele ya bo ya lora fa mapako a a ageletseng le one go na le fa a senyegileng teng.

A re le fa ba ise ba tlhole leruo sentle, go lebega lone go sena le le sheleng, kwa ntle fela ga dipoo tse pedi, tse batho ba ba neng ba tima molelo ba neng ba di falotsa ka go kgaola terata gore di kgone go sia. 

A re tumelo ke gore di tlaa bonala mme di busediwe mo polaseng.

Mme Safi a re sebe sa phiri ke gore e ne ya re fa molelo oo oosha, ga bo go na le phefo e ntsi, mme wa felela o kgona go tlolela mo polasing e nngwe.

O tlhalositse gore selo se sengwe se se dirileng gore o tswe mo taolong ke tlhaga e e goletseng kwa godimo.

A re letlhoko la madi le didirisiwa le go nna le dipolase di le mmalwa mo kgaolong, ke gone go dirileng gore e re mo nakong eno dikganedi tsa molelo a bo di ise di dirwe.

Fa a tswa la gagwe, mookamedi wa kampa ya kgwediso ka seatla, e e diekere di fetang makgolo a supa, Rre Oupa Tsamai a re letlhoko la madi le ba paledisa go dira dikganedi tsa molelo. 

O tlhalosa fa a santse a le mo dipuisanyong le ba lephata la ditsela go kopa thuso ya katakata gore ba kgone go dira dikganedi tsa molelo.

O tlhalositse gore molelo o tla jaana polase ya kgwediso ka seatla e santse e sena dikgomo mo teng ka gore ba simolola go di amogela go tswa mo baruing ka Ngwanaatsele, mme ditswe ka Moranang.

A re le fa ba wetswe ke seru seo, o solofela gore ba tlaa kgona go thusa barua-kgomo fela jaaka ba ntse ba dira, ka gore tshenyo ya ga e kalo.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Good Hope

Event : Potsolotso

Date : 29 Jun 2021