Breaking News

Botlhokatsebe bo gakatsa COVID-19

29 Jun 2021

Go fitlhelela Batswana ba ikgapha mo mesepeleng e e seng botlhokwa le go emisa meletlo e e dirwang mo metiketsemg, bolwetse jwa COVID-19 bo tlaa tswelela bo kekela. 

Fa a afa pego ka Mosupologo, mothusa mookamedi wa lekgotla le le etseng tlhoko mogare wa COVID-19, Prof. Mosepele Mosepele o kgadile a sa kgwe mathe boitsholo jwa Batswana mabapi le COVID-19.

O tlhalositse gore go lemosegile gore meletlo e e dirwang ke yone e gakatsang dipalo tsa balwetse. 

A re mekete e tshwana le go kopana ga batho ka digongwana le go kgobokana morago ga dintsho go twe go a ikgomodiwa ke dingwe tsa tse di tsisang matlhoko mo go ba ba salang ba mekamekana le di-tla morago tsa bolwetse.

Ka dipalo tsa COVID-19 di tsweletse ka go gola ka lebelo, Prof. Mosepele o ikuela mo Batswaneng gore ba iteke ba fokotse bokopano, segolo bogolo jo bo sa letlelelwang. 

O tlhalositse gore bolwetse jo ga bo aname le Botswana ka ntlha ya maselamose, ke ka ntlha ya gore motho o bo gasagasa le lefatshe.

Prof. Mosepele o tlhalositse gore dipalo tsa gompieno di ngomola pelo go feta le tsone tsa nako ya botsalo jwa Morena, selo se a tlhalositseng se tlhotlhelediwa ke  maitsholo a a duleng mo tseleng batho ba sa sale morago ditaelo le melawana ya go thibela bolowetsi. 

A re mokgwa o fa se ka tswelela go tlaa nna le dintsho di le dintsi go feta jaaka go ka nna fa mariga a fela.

 Prof. Mosepele o tlhalositse gore di-tla morago tsa bolwetse jo di na le manokonoko a a botlhoko, mme a re Batswana ba tshwanetse go itshwara sentle ba leka ka bojotlhe gore ba seka ba tsenwa ke mogare . 

Fa a ama mefuta mengwe ya mogare wa corona, ebong Delta, Alpha le Beta, Prof. Mosepele o tlhalositse gore mefuta e, e tshelanwa motlhofo, ka jalo motho o ka tshela batho ba le bantsi. 

O tlhalositse gore mo nakong ya gompieno kwa lefatsheng le tshwana le la ga Mmamosadinyana, mofuta wa Delta go lebega e le one o o fekeetsang wa Alpha e bile o tshelanwa ka dipalo tse dintsi. 

A re le fa go ise go lemogwe fa mofuta wa Delta o ka baka bolwetse jo bo bokete jaaka mefuta e mengwe, mme fela o tshelanwa ka bokete.

Prof. Mosepele a re mofuta o wa Delta o tlaa tsena mo mafatsheng otlhe ka lebaka la metsamao ya batho, mme a re mo Botswana mofuta o o anameng ke wa Beta mme e bile o aname le kgaolo ya Afrika. 

A re mo Botswana ba botsogo ga ba ise ba lemoge bokete le kanamo ya Delta. 

O tlhalositse gore mo nakong e, ba botsogo ba santse ba lebile seemo gore go tlaa nna jang mo tsamaong ya nako le gore go tlaa nna jang fa mofuta wa Beta le wa Delta di kopana.

Mo nakong e, Prof. Mosepele o tlhalositse gore dipalo tsa bolwetse di supa fa bo tsere phekelo e sele, mme a re dipalo tse di tshosang ke tsa balwetse ba ba santseng ba le mo tlhokomelong. 

Batho ba ba santseng ba le mo tlhokomelong ba 4 623, fa dipalo tse disha tsa batho ba ba nang le mogare e le 1 261, dintsho di oketsegile go ya kwa go 1 125.

 Dipalo tsotlhe tsa batho ba ba golotsweng ke 63 932, mme dipalo tsotlhe tsa Botswana tsa balwetse jwa COVID-19 ke 67 492.

Lenaneo la go fa batho mokento le tsweletse, mme palo ya batho ba ba feditseng go tsaya lemao ke 84 280, fa ba ba santseng ba le mo lemaong la ntlha ba emetse la bofelo ba le 157 288. 

Dipalo tsa ba ba tlhatlhobetsweng COVID-19 ke 1 304 362. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Gaborone

Event : Tekodiso ya COVID-19

Date : 29 Jun 2021