Ba Mababe ba itumelela motlakase
28 Jun 2021
Lefifi e tlaa nna selo sa maloba kwa Mababe jaaka a tsweletse a gokelelwa motlakase, o o solofetsweng go tshuba pele ga mariga a fela.
Banni ba motse o, o o kwa kgaolong ya Bokone Bophirima, ba iteetse tiro e legofi, bogolo jang ka e le mongwe wa boremelelo jwa Bojanala.
Mo potsolotsong le BOPA bosheng, morafe wa motse o, o o gaufi le Moremi Game Reserve mo makgobokgobong ebile o na le Mababe Depression e leng nngwe ya di-tsa tholego tse di faphegileng mo lefatsheng leno, ba re motlakase o botlhokwa mo lefelong le le ngokang baditshaba.
Motse oo, o sekgala se ka nna dikhilomithara tse di lekgolo le masome a mararo go tswa mo Maun.
Kgosi Kgosimontle Kebualemang o ne a lebogela ditlhabologo tse di mo motseng wa bone tsotlhe tse di akaretsang sekole se sebotlana sa Kgosietsile, kokelwana, diofisi tsa kgotla, tsela ya lekgarapana le modiri wa tsa boipelego.
O ne gape a lebogela motlakase, a re ke ditlhabololo tse di botlhokwa e bile a re puso e o gorositse ba ne ba sa o solofela.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Kebualemang o ne a kopa gore puso e ba direle tsela e e siameng ka tsela ya gompieono e tsenya matshelo a batho mo diphatseng.
A re puso e nne e sekaseka lenaneo la Community Based Natural Resources Conservation (CBNRM) gore a le akolwa ke merafe jaaka go tshwanetse.
Go ya ka mogolo mo Mababe, Rre Idea Newa, motse wa Mababe o tswa kgakala o le teng.
A re o fatlhoga ba ntse ba nna mo Mababe.
Rre Newa a re banni ba Mababe ba ne ba tswa kwa gompieono go bidiwang Savuti kwa Chobe go le pele, mme ba nna ba thibelela mo mafelong a a farologanyeng go fitlhelela ba goroga mo Mababe.
A re e le batho ba letso la Sesarwa ba ba fitlhelwang mo Mababe ba lebelela dintlha dingwe pele ga ba ka thibelela mo lefelong, jaaka gore a lefelo leo le tsididi le gore a le na le dijo tse di tshwanang le maungo a naga.
Rre Newa a re ba itumelela go bo motlakase o gorogile mo motseng wa bone mme a re o eletsa o ka salwa morago ke ditlhabololo di tshwana le marekisetso, bogolo jang marekisetso a dithoto tse di dirilweng ka diatla ka e ne e le mongwe wa ba ba dirang ditiro tseo.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mababe Rre Daniel Thomamo le ene o ne a supa fa ba itumeletse motlakase morago ga dingwaga tse dintsi motse oo o sena one ka o le kgakala le mafelo a mangwe.
Rre Thomamo a re keletso ya gagwe ke gore go dirwe tsela e e tshwaraganyang motse wa bone, Shorobe le Maun.
A re letlhoko la tsela le dira gore batho bangwe ba latlhegelwe ke matshelo mo tseleng eo bangwe e le balwetse ba diegile go bona ba bongaka kwa Maun.
Rre Thomamo o ne gape a kopa gore ba koporase ya metsi ba phatlalatse diphaepe tsa metsi mo Mababe gore banni ba kgone go itsenyetsa metsi mo malwapeng.
Mogwebi wa semausu, Mme Lilian Sondano o ne a re o lebogela motlakase ka o tlaa mo thusa go godisa kgwebo ya gagwe ka go oketsa tse a di rekisang ka e bile motse wa bone o sena marekisetso a matona. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Mababe
Event : Potsolotso
Date : 28 Jun 2021