Breaking News

Basha ba rutuntshiwa ka tsa kgwebo

28 Jun 2021

Go tlhoka ditiro ga banana go na le seabe mo ditirong tsa bo-tswa tseleng, ka jalo go botlhokwa gore ba sedilwe maikutlo.

Ka bontsi jwa bone ba amilwe ke letlhoko la ditiro, bangwe ka go batla madi ba felelela ba fetoga dirukutlhi le go angwa ke mogare wa HIV. 

Se se builwe ke mookamela lekalana la tshidilo maikutlo la Willone, Mme One Nkitseng kwa Kanye bosheng. 

Mme Nkitseng o buile jaana  a rutuntsha banana ba kgaolo ya Kanye Borwa ka tsa kgwebo, kwa ofising ya mopalamente, Dr Lemogang Kwape.

Mme Nkitseng a re fa go tla mo ngwaneng wa mosetsana mathata a mangwe a bone ke HIV le lehuma.

A re se se bakwa ke gore mo ngwaong ya Setswana nako e ntsi merero e dirwa le bana ba basimane. 

A re mo malobeng ngwana wa mosetsana nne e re fa a ka ima a le mo sekoleng a bo a kojwa go tlogelwa wa mosimane ka e bile ba bangwe ba ne kgona go itatola mpa. 

O bile a re bana ba basetsana ba dirisiwa mo go tsa tlhakanelo dikobo ba le bannye.

A re se se kgona go dira gore ba felele ba kgokgontshiwa, mo gongwe go dirwa ke gore ga ba iseke ba bue ka nyalo fa ba simolola tirisanyo mmogo e.

Mme Nkitseng a re  basetsana ba bangwe ba felela ba kgokgontshiwa fela ka gore ba ratana le batho ba batona mo go bone, ka jalo ba sa kgone go ipuelelela.  

A re bontsi jwa banana ba tletse boitseme jo bo itshupang le ka mo ditirong tsa mo lapeng, a re sone se se na le seabe mo go tlhokeng ditiro ga bone. 

O ne a supa  gore sekgoreletsi se sengwe ke ka fa ba itshwarang ka teng le ka fa ba aparang ka teng, a re le fa ba ya tlhatlhobong ya tiro ba tsamaya ba sa apara mo go maleba.  

Mme Nkitseng o kopile banana gore ba seka ba itlhoboga mo botshelong.

A re metlhala ya khumo e mentsi e ba ka itshetsang ka yone.

Fa a ba ema pele ka lefoko, mokgothatsi, Rre Makgekgenene Kwape o ne a bolela fa a tswa kgakala a tsamaisa banana tshipidi mme bangwe ba bone ba felela mo tseleng fa bangwe ba tsweletse ka dikgwebo.

O kopile banana ba ba neng ba tseneletse ithutuntsho eo go ikakanya pele ga ba ka simolola kgwebo epe.

A re go botlhokwa go dira se ba se ratang e seng go leba fela gore ba intsha mo mekgwatheng.

 A re fa motho a dira sengwe a bo a lemoga gore ga se a mo tshwanela a se tlogele a dire se sele.

Rre Kwape a re mo nakong ya segajaja kgopolo ke gore banana ba tsene mo ba boneng gore go na le letlhoko teng. 

A re go na le dingwe tse  lefatshe leno le di rekang kwa ntle.

A re dingwe tsa tsone ke tse banana ba ka di dirang.

A re seo se ka thusa itsholelo ka madi a Botswana a tlaa bo a sa tswele kwa ntle.

Mokgothatsi yo mongwe, Rre Gofaone Kebuwalemang go tswa kwa Lekgotleng la Letlotlo Farming o boleletse banana  gore o dira kgwebo ya thuo ya dihutshane e e tlhotlheleditsweng ke lerato le a godileng a na le lone. 

Nako ya fa a le kwa sekoleng sa thuto  e kgolwane o ne a reka leruo ka madi a itshetso, a dira se a sena fa a kwalelang teng go supa ka fa leruo la gagwe le dirang ka teng.

A re o simolotse go dira dibuka ka 2018 a sena go kopa dithuso kwa CEDA.

A re fa a sena go thusiwa o ne a reka dipodi di le masome a matlhano le diphoko di le pedi.

A re o tlhokomela leruo la gagwe, mo a kgonang go apesa dipotsane tsa lone dikobo gore di seka tsa tsenwa ke serame, a kgothatsa banana gore ba seka ba kgobega marapo fa ba sa bone ditiro ka jaana metlhala ya itshetso e le mentsi.

Rre Kebuwalemang a re o dira se jaana a ithutetse boranyane jwa dibala makgolo, mme ga a aka a rwala mabogo mo tlhogong fa a sa bone tiro e a e rutetsweng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : Kanye

Event : Thuto

Date : 28 Jun 2021