Ba gana thekiso ya nnotagi
28 Jun 2021
Makhanselara a toropo ya Gaborone a ganne dingwe tsa ditemana tsa molao- kakanyetso wa thekiso ya bojalwa.
Fa ba bua kwa phuthegong e e tsweletseng ya khansele ya Gaborone bosheng, ba tlhalositse fa dingwe tsa ditemana tsa molao o ba o roletsweng pele ke mothusa tona wa lephata la Peeletso, Papadi le Madirelo, Rre Molebatsi Molebatsi di baya Batswana ka fa mosing.
Rre Molebatsi o tlhalositse fa lephata la gagwe le akanya go fetola molao wa thekiso wa bojalwa, bogolo jang ka o le mogologolo e bile o sa tsamaisane le dinako tsa gompieno.
Mo dingweng tse a neng a di rolela makhanselara, Rre Molebatsi o ne a re puso e batla go atolosa thekiso ya nnotagi gore batho ba kgone go bona nnotagi gongwe le gongwe le ka dinako tsotlhe.
O ne a re le fa nnotagi e na le di-tla morago tse di sa eletsegeng mo setshabeng, puso e itemogetse gore fa e sa bonale motlhofo, tiriso ya yone e nna ntsi.
A re e bile go runya metsenelela e e borai go emisetsa nnotagi e akaretsa diritibatsi tse di borai mo botsogong jwa batho.
A re ka moo lephata le sekaseka gore gobya pele, nnotagi e ka rekisiwa mo marekisetsong ka go farologana go akaretsa mabenkele a matona le marekisetso a leokwane, jalo jalo.
O tlhalositse gore go tlaa nna le melawana e e laolang nako ya thekiso ya bojalwa gone mo marekisetsong ao, e akaretsa go reka, motho a ya go nwela go sele.
Mo dikgannyeng tsa dingwe, Rre Molebatsi o ne a re lephata le akanyetsa gore tona a fiwe dithata tsa gore a laole teseletso ya thekiso ya bojalwa, a tlatsa ka go re ba ba tsuololang melao ya thekiso jaaka go tsosa modumo kwa marekisetsong a bojalwa ba tlaa tseelwa teseletso.
Mo go tse dingwe, Rre Molebatsi o ne a re ba na le molao-kakanyetso wa go oketsa ditlhwatlhwa tsa teseletso ya thekiso ya bojalwa go tswa mo go P20.
Fa ba akgela, makhanselara ba ne ba ganana le kgang ya gagwe ka bongwefela jwa pelo.
Mokhanselara Tshenolo Palai wa Mosekangwetsi o ne a re ga a dumalane le gore nnotagi e rekisiswe gongwe le gongwe le fa go ka bo go na le molao wa nako tsa thekiso.
Rre Palai a re ga e kake ya re marekisetso a bojalwa a a tlwaelesegileng e bong dibara a santse a goga ka bokete, lephata le bo le akanyetsa gore ba leokwane le mabentlele a ka fiwa teseletso ya go rekisa nnotagi.
O tlhalositse gore puso e tshwanetse go akanyetsa gore e thuse Batswana go tswelela pele, ka go ema nokeng batho ba kgwebo-potlana go nonotsha matshelo a bone.
A re puso ga e kgone go thapa batho botlhe, ka jalo bangwe ba tshwanetse ba itirele letseno le go itshetsa.
Rre Palai o ntshitse mogopolo wa gore puso e thuse ba ba rekisetsang bojalwa mo malwapeng go bona teseletso, go nale gore bo rekisiwe ke batho fela ba ba setseng ba godile mo mhameng wa kwebo.
Mokhanselara Arthur Tabane wa Tlogatloga le ene o tlhalositse fa moo e le go bolaya bagwebi ba ba botlana mo go tsa thekiso ya bojalwa.
Mokhanselara Tabane a re nnotagi e rekisiwe mo dibareng go nale mo marekisetso a a rekisang dilo tse dintsi.
Mokhanselara Khumo Sebereko wa Boseja o ne a bua a sa kgwe mathe a gana mogopolo o ba o beilweng pele gotlhelele.
Le fa go ntse jalo, ba ne ba re ba dumalana le gore tona a fiwe marapo a go ka tseela ba sa saleng molao wa thekiso ya nnotagi diteseletso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lesedi Thatayamodimo
Location : Gaborone
Event : Phuthego ya khansele
Date : 28 Jun 2021