Breaking News

Dikhansele-potlana di tlaa nonotshiwa - Molale

28 Jun 2021

Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Eric Molale o boleletse makhanselara a Legare gore puso e batla go nonotsha dikhansele-potlana, gore di ikemele ka bonosi, di neelwe dithata gore ditirelo di nne motlhofo.

Fa a buisa khansele ya Legare ka maranyane a ditlhaelatsanyo bosheng, Tona Molale o boletse fa dikgaolo-potlana di tlaa neelwa dithata tsa go itseela ditshwetso le go itirela madi.

A re seo se ya go dira gore batho ba tsee ditirelo gaufi, ka bonako le gore ditlhabololo di diragale ka bonako, gona le tsamaiso e e teng e ditshwetso di tsewang kwa khanseleng e tona kwa Serowe, kgotsa kwa Gaborone.

Tona Molale a re khansele ya Legare e tona, e bile e na le dikhansele-potlana di supa, mme tsotlhe di laolwa kwa Serowe.

A re selo seo se bogole, e bile se diya ditirelo.

O kgadile magatwe a go re go neela dikhansele-potlana dithata go tsile go kgoreletsa melelwane ya bogosi le go kgaoganya merafe, a bolela fa go sa amane gope le melelwane ya bogosi.

Tona Molale o boletse fa kgang kgolo e le go tokafatsa ditirelo le go di lere gaufi le batlhophi, le gore ditshwetso di tsewe gone foo, e seng go tsaya nako e telele.

A re dikgosi, ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse le ba komiti ya badirelapuso ba tlaa nna ba-tsaya karolo mo therisanyong eo. 

E rile ba mo kgwa dikgaba, makhanselara ba dumela ka bongwefela jwa pelo gore dikhansele-potlana di neelwe dithata ka ponyo ya leitlho, ba bolela fa ba sa bolo go emela diphetogo tseo.

Ba boletse fa gantsi mananeo le melao-kakanyetso ya puso e tla e le mentle, mme go e diragatsa go le thata.

Modulasetilo wa khansele ya Legare, Rre Ketshwereng Galeragwe o boleletse tona fa neela dikgaolo-potlana dithata go tshwanetse go potlakelwa le gore di nne le bodiredi jo bo lekaneng.

Mothusa modulasetilo wa khansele ya Legare, Rre Gabagopole Sebele le ene o ne a atla mogopolo oo, a bolela fa kgaoganyo ya madi a khansele eo e nna bokete, ka kgaolo e le bophara gape e na le dikhansele- potlana tse dintsi.

Mokhanselara Sebele o kaile fa madi a ditlhabololo a a tswang kwa pusong a tlhaelela kgakala, ka a abo a tsutlaganngwa dikhansele-potlana.

A re ditiro dingwe di felela di sa wediwe ka ntlha ya go tlhaela ga madi, mme fa dikhansele di ka ikemela di ka itirela letseno botoka.

Mokhanselara yo o itlhophetsweng, e bile e le modulasetilo wa khansele- potlana ya Serowe, Rre Lesedi Phuthego a re fa diphetogo tseo di dirwa, go seka ga lebalwa diofisi le bodiredi jo bo lekaneng. 

O boletse fa khansele-potlana ya Serowe e sena diofisi sentle, mme a kopa gore go simololwe ka yone ka e saletse morago ka ditlhabololo.

Mokhanselara wa Tidimalo mo Serowe, Rre Solomon Dikgang o amogetse mogopolo oo, a bolela gore dilo di le dintsi di saletse morago kwa Serowe jaaka ditsela tse di fa gare ga motse.

Modulasetilo wa khansele- potlana ya Boteti, Rre Molemi Galeragwe ene a boletse fa go ikemela ka nosi ga kgaolo eo go tlaabo go le maleba, ka gore ditirelo le ditshwetso di tlaa dirwa kwa Boteti, e seng kwa Serowe.

O boletse fa Boteti e saletse kwa morago thata ka ditlhabololo, e bile e le kgakala le ditlamelo ka go farologana.

Modulasetilo wa khansele- potlana ya Tutume, Rre Wabuya Chibani o kopile gore kgaolo eo e nne nngwe ya tse di fiwang dithata ka bonako, ka gore e bophara. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Phuthego ya khansele

Date : 28 Jun 2021