Go obamela ditaelo go botlhokwa - Matshaba
27 Jun 2021
Mogakolodi wa tsa maranyane wa lekoko la COVID-19, Dr Mogomotsi Matshaba a re go botlhokwa gore batho ba sale ditaelo tse ba di fiwang ke ba botsogo morago tebang le go fokotsa kanamo ya mogare wa corona.
Dr Matshaba o buile jalo ka Labone jaaka a ne a afa pego ka seemo sa COVID-19 lefatshe ka bophara.
A re bangwe fa ba laelwa go ya go ikoka kgotsa go ikgapha kwa malapeng ka ba abo ba sa gatelelwa, e bile ba sa supe dikai dipe, bone ba felela ba itlhokomolosa taelo eo.
Dr Matshaba a re ba itemogela fa bangwe batho ba tsweletse ka go innakanya le ditiro tsa selegae tse di ba patikang go tsaya mesepele, di akaretsa go ya merakeng le mafelo a mangwe.
A re seo se baya matshelo a ba bangwe ka fa mosing, ka jaana batho bao jaaka ba tsaya mesepele go na le kgonagalo ya gore ba tswelele ka go anamisa mogare, mme go felele go tlhagoga dipalo tse disha tsa batho ba ba tsenweng ke mogare.
Dr Matshaba a re ntwa kgatlhanong le kanamo ya mogare ga se morwalo wa puso le ba botsogo fela, a re go botlhokwa gore batho ba dire tse di maleba fa ba leng teng, ba seka ba atisa mokgwa wa gore ga go ope yo o itseng ka diemo tse ba leng mo go tsone.
A re go tlhoka go sala ditaelo morago le go dira tse di maleba, go tlaa tswelela go busetsa maiteko a a dirwang kwa morago, e bile go baka le yone tshenyo ya meamoso e e dirisiwang tebang le go lwantsha kanamo ya mogare.
Go sale foo, Dr Matshaba a re go simolola ka kgwedi eno e tlhola malatsi a le lesome le boroba bongwe go tsena e le masome a mabedi le bongwe, go gatisitwe dipalo tsa dintsho di le 1095.
A re dipalo tse di oketsegile ka masome a mabedi le borataro go tswa mo nakong e e fetileng.
Dr Matshaba o supile fa dipalo tsa dintsho di godile mo mafelong a e leng gore dipalo tsa mogare di dintsi mo go one, a supa fa Gaborone le metse e e mabapi e sa tokafale.
A re ga a itumedisiwe ke go bona bangwe ba sa ntse ba tshwarwa ka molato wa go tlhoka go apara dibipa-molomo le nko.
A re mokgwa oo o supa fa batho ba ithetse moriti o tsididi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : Gaborone
Event : Pego ya COVID-19
Date : 27 Jun 2021